Tswana 1992 Bible - 34 verses
1Foo Jobe a fetola a re:
2“Lo bo lo utlweng puo ya me sentle; mme se e nne dikgomotso tsa lona.
3Ntesang, le nna ke tlaa bua; ke tlaa re ke sena go bua, lo sotlele pele fela.
4Ka ga me, go itoka ga me a ke go itokela motho? Ke tlaa bo ke sa nne legweegwee ka ntlha yang?
5Lo nkele tlhoko, lo gakgamale, mme lo ipeye seatla mo melomong.
6Ee, le e tle e re fa ke gakologelwa ke huduege, le go tsitla marapo go ntshware.
7Ana baikepi ba tshela ka ntlha yang ba tsofale, ee, ba natlafale mo nonofong?
8Losika lwa bone lo tlhomame nabo mo ponong ya bone, le lotsalo lwa bone mo matlhong a bone.
9Mantlo a bone a dibelesege mo poifong, le gone thupa ya Modimo ga e ke e nna mo go bone.
10Poo ya bone e gwele fela e se ke e tlhaele; kgomo ya bone e tsale e se ke e folotse.
11Ba tle ba bolotse banyana ba bone jaaka letsomane, mme bana ba bone ba bine.
12Ba opelele meropana le harepe, ba itumelele go lediwa ga lotlhaka.
13Ba fetise malatsi a bone mo tlhogonolofalong, mme e a re ka ponyo ya leitlho ba kotlomelele fela mo Bobipong.
14Le fa go ntse jalo, ba reile Modimo ba re: ‘Tloga mo go rona; gonne ga re eletse kitso ya ditsela tsa gago.
15Mothatayotlhe ya bo e le eng, fa e bo ne ne re ka mo direla? Re tlaa bo re bona molemo wang fa re mo rapela?’
16Bona, go tlhogonolofala ga bone ga go mo seatleng sa bone; kgakololo ya baikepi ke kgakala nayo.
17Lobone lwa baikepi lo tle lo tingwe ga kae? Tatlhego ya bone e tle e ba tlele ga kae? Modimo o tle o abe mahutsana mo bogaleng jwa one ga kae?
18Fa ba tla bo ba ka nna ga kae jaaka dirine fa pele ga phefo, le jaaka mmoko o setsuatsue se o tsubulang?
19Lo a tle lo re: ‘Modimo o beela bana ba gagwe boikepo jwa gagwe.’ A o bo lefetse mo go ene ka esi gore a bo ikitse.
20A matlho a gagwe ka osi a bone tshenyego ya gagwe, a a nwe botšarara jwa Mothatayotlhe.
21Gonne o na le go kgatlhwa ke eng mo ntlong ya gagwe morago ga gagwe, etswa palo ya dikgwedi tsa gagwe e kgaotswe ka bogare?
22A mongwe o ka ruta Modimo kitso, etswa o atlhola bogoletsegi?
23Mongwe o swa a tletse nonofo a iketlile, a ituletse gotlhe fela.
24Mabele a gagwe a tletse maši, le moko wa marapo a gagwe o mahura fela.
25Yo mongwe a swe a le mowa o botlhoko, le a e se ke a utlwe se se molemo gope.
26Ba itelege mmogo fela ka bobedi mo loroleng, mme seboko se ba khurumetse.
27“Bonang, ke a e itse megopolo ya lona, le maano a lo a ntogelang ka go sa siamang.
28Gonne lwa re: ‘Ntlo ya kgosana e kae? Le mogope o moikepi o kileng a o nna o kae?’
29A ga lo a botsa bone ba ba fetang le tsela? A ga lo itse dikao tsa bone?
30Go re motho yo o bosula o rekegelelwa letsatsi la tatlhego, le go re ba gogelwa koo kwa letsatsing la botšarara?
31E mang yo o tlaa bolelang tsela ya gagwe matlhong a gagwe? E mang yo o tlaa mo kgopololelang se o se dirileng?
32Le fa go ntse jalo o tlaa isiwa kwa lebitleng, mme ba tlaa lebela phupu ya gagwe.
33Makote a molapo a tlaa nna botshe mo go ene, mme batho botlhe ba tlaa gogegela kwa go ene, jaaka go ne go le ba ba se nang palo pele ga gagwe.
34Mme e le foo lo nkgomotsa jang ka lefela, ka mo diphetolong tsa lona go setse boikanyologo fela.”