Tswana 1992 Bible - 29 verses
1Foo ga fetola Sofare wa Monaamatha a re:
2“Ke gone ka moo megopolo ya me e nnayang phetolo, e bong ka ntlha ya go potlaka ga me mo go nna.
3Ke utlwile kgalemelo e e ntlhabisang ditlhong, mowa wa tlhaloganyo ya me wa mphetola.
4A gale, bogologolo, e sa le ka motho a bewa mo lefatsheng, a o ntse o sa itse se,
5sa go re, go ja koma ga baikepi go le go khutshwane, le boitumelo jwa ba ba sa reng Modimo sepe bo nna ka ponyo ya leitlho fela?
6Le fa tlotlomalo ya gagwe e palamela kwa magodimong, le tlhogo ya gagwe e fitlha kwa marung;
7le fa go ntse jalo o tlaa felela ruri ka bosakhutleng jaaka maswe a gagwe; ba ba mmonyeng ba tlaa re: ‘O kae?’
8O tlaa fofela koo fela jaaka toro, mme ga a ketla a fitlhelwa; ee, o tlaa alolwa jaaka ponatshegelo ya bosigo.
9Leitlho le le kileng la mmona ga le ketla le tlhola le mmona gope; le gone felo ga gagwe ga go ketla go tlhola go mo leba.
10Bana ba gagwe ba tlaa batla botsalano jwa bahumanegi, diatla tsa gagwe di tlaa rebola khumo ya gagwe.
11Le fa marapo a gagwe a tletse bokolwane, bo tlaa itelega nae mo loroleng.
12le fa boikepo bo le botshe mo ganong la gagwe, le fa a bo suba fa tlase ga loleme lwa gagwe;
13le fa a bo rekegela, a gana go bo lesa, mme a ntse a bo tshegeditse fela mo teng ga legano la gagwe;
14le fa go ntse jalo, dijo tsa gagwe di fetogile mo maleng a gagwe, ke botlhoko jwa dinenebu mo teng ga gagwe.
15O komeditse dikhumo, mme o tlaa ba a di tlhatsa; Modimo o tlaa di gelola mo mpeng ya gagwe.
16O tlaa mona botlhoko jwa dinenebu; lolema lwa šaušawane lo tlaa mmolaya.
17Ga a ketla a leba dinoka, dinokana tse di elang dinotshe le madila a maši.
18Se o ne a se itapisetsa o tlaa se busa, mme ga a ketla a se meletsa mo teng; ga a ketla a itumelela thoto e o e bapetseng.
19Gonne o patikile a latlha bahumanegi; o gapile ntlo ka thata, e o ne a se ka a e aga.
20“E re ka a ne a sa itse boiketlo mo teng ga gagwe, ga a ketla a sala le sepe sa se o ne a itumela mo go sone.
21Ga se ka ga sala sepe se o sa se jelang ruri; ke gone ka moo go tlhogonolofala ga gagwe ga go ketla go tlhomama.
22O tlaa re mo botlalong jwa letlotlo la gagwe a nne mo pitlaganong; seatla sa mongwe le mongwe yo o mo matladikeng se tlaa wela mo go ene.
23E tlaa re mogang o reng o kgora mo mpeng, Modimo o latlhele bogale jwa tšarologo ya one mo go ene, o tlaa bo kgoromeletsa mo go ene a sa ntse a ja.
24O tlaa tshaba sebolao sa tshipi, bora jwa kgotlho bo tlaa mo phololetsa.
25Fa mongwe a o somola, o tswe mo mmeleng wa gagwe; ee, segale se se phatsimang se tswe mo santlhokweng wa gagwe; ditheregiso di mo go ene.
26Lefifi lotlhe le beetswe dikhumo tsa gagwe tse di rategang; molelo o o sa butswelwang ke motho o tlaa mo laila; o tlaa nyeletsa se se setseng mo mogopeng wa gagwe.
27Magodimo a tlaa senola boikepo jwa gagwe, le lefatshe le tlaa mo tsogologela.
28Totafalo ya ntlo ya gagwe e tlaa tloga, dithoto tsa gagwe di tlaa elela koo mo tsatsing la botšarara jwa one.
29Kabelo ya moikepi ke eo, e tswa mo Modimong, le boswa jo o bo laoletsweng ke Modimo.”