Tswana 1992 Bible - 25 verses
1βAna ke go reng, ka dipaka di sa fitlhegela Mothatayotlhe, bone ba ba mo itseng ga ba boneleng metlha ya gagwe?
2Go na le ba ba sutisang melelwane; ba gape matsomane ka thata, ba a hudise.
3Ba gapele koo esela ya lesiela, ba tseye kgomo ya mosadi wa motlholagadi ba e ntshe peelo.
4Ba fapose batlhoki mo tseleng; bahumanegi ba lefatshe ba iphitlhe mmogo.
5Bonang, bone ba tswele kwa tirong ya bone jaaka diesela tsa naga, ba batlhe kotlo ka tlhoafalo; naga e ba ntshetse dijo tsa bana ba bone.
6Ba ikgele morogo mo nageng; ba ronope tshimo ya mofine ya moikepi.
7Ba lale fela ba sa ikatega, ba se na dikobo, ba bile ba se na seaparo mo serameng.
8Ba kolobe ka marothodi a kwa dithabeng, ba tlamparele lefika ka go tlhoka boitshubelo.
9Go na le ba ba phamolang lesiela mo letseleng, mme ba tseye peelo mo bahumaneging;
10ba bo ba tle ba tsamaye ba sa ikatega ba se na diaparo, mme e re ka ba le tlala, ba rore dingata tsa mabele;
11ba dire lookwane mo teng ga dithako tsa batho ba; ba gate dikgatisetso tsa bone tsa bojalwa jwa mofine, mme ba bolawe ke lenyora.
12Batho ba dumadume ba le mo motseng o montsi, mowa wa ba ba ntshitsweng dintho o kgajajege; le fa go ntse jalo Modimo ga o go ba kaele go re ke boatla.
13Ba ke ba bone ba ba tsuololelang lesedi; ga ba itse ditsela tsa lone, le gone ga ba nne mo ditselaneng tsa lone.
14Mmolai wa batho o tsoga boo sa, a bolaye bahumanegi le batlhoki; bosigo a nne jaaka legodu.
15Le leitlho la mogokafadi le tle le lebelele lotlatlana, a re: βGa go leitlho lepe le le tlaa mponang;β mme a ikgakise sefatlhogo.
16E re go le lefifi ba phunye mantlo; mme motshegare ba itswalele; ga ba itse lesedi.
17Gonne mo go bone botlhe moso o ntse jaaka moriti wa loso; gonne ba itse ditherego tsa moriti wa loso.β
18βA fefogele koo mo godimo ga metsi; kabelo ya bone e hutsegile mo lefatsheng; ga a menoge ka tsela ya masimo a mafine.
19Letsatsi le mogote di fedisa metsi a kapoko; Bobipo o direla jalo ba ba leofileng.
20Sebopelo se tlaa mo lebala; seboko se tlaa mo ja botshe; ga a ketla a tlhola a gakologelwa; mme tshiamololo e tlaa rojwa jaaka setlhare.
21O a tle a je a swetse moopa yo o sa tsaleng; ga a direle mosadi wa motlholagadi molemo.
22Diganka le tsone a di gogele koo ka thata ya gagwe; a nanoge mme go bo go se na ope yo o itlhomamisetsang botshelo.
23Modimo o ba neye go nna thagamong, mme ba ikaega gone. Mme matlho a one a mo ditseleng tsa bone.
24Ba goletsegile, le fa go ntse jalo, e re kgantele ba bo ba bile ba ile; ee, ba kokobeditswe, ba tlositswe mo tseleng jaaka ba bangwe botlhe fela, mme ba kgaolwe jaaka dintlha tsa diako tsa mabele.
25Fa go sa nna jalo jaanong, e mang yo o tlaa ntlhomamisang go re ke moaki, mme a dire puo ya me go re e nne e seng sepe?β