Tswana 1992 Bible - 25 verses
1Mme Jobe a fela a tlhaba seane sa gagwe, a re:
2“A bo ke ka bo ke ntse jaaka mo dikgweding tsa bogologolo, jaaka mo malatsing a Modimo o ntisitseng ka one;
3ka lampa ya one wa mphatsimela mo tlhogong, mme ka tsamaya ka lesedi la one;
4jaaka ke ne ke le mo nonofong ya malatsi a me, jaaka ka tsalano ya Modimo e le mo mogopeng wa me;
5ka Mothatayotlhe a sa ntse a na le nna, le bana ba me ba le tikologong ya me;
6ka dikgato tsa me di ne di tlhapisiwa ka madila a maši, mme lefika la nthelela dinoka tsa lookwane!
7E ne e tle e re ke tswela kwa kgotleng kwa motseng, e re ke baakanya setulo sa me mo mmileng,
8makau a ne a tle a re a mpona a iphitlhe, le banna bagolo ba nanoge ba eme ka dinao;
9dikgosana di khutle go bua, di ipeye seatla mo molomong;
10lentswe la bagolwane le tuulale, le loleme lwa bone lo ngaparele magalapa a bone.
11Gonne e ne e tle e re tsebe e nkutlwa, foo e ntshegofatse; e re leitlho le mpona, le supe ga me;
12gonne ke ne ke pholosa mohumanegi yo o goelelang, le lesiela le le se nang ope yo o le thusang.
13Tshegofatso ya yo o batlileng go nyelela ya tla mo go nna; pelo ya mosadi wa motlholagadi ka e ipedisa ka boitumelo.
14Ka apara tshiamo, mme ya nkapesa; tekatekanyo ya me e ne e ntse jaaka kobo le tlhoro ya bogosi.
15Ke ne ke le matlho a difofu, ke le dinao tsa batlhotsi.
16Ke ne ke le rra batlhoki; ka ba ka tlhotlhomisa mafoko a tsheko a yo ke sa mo itseng.
17Ka roba ditlhaya tsa mosiamolodi, ka phamola thopo mo menong a gagwe.
18Foo ka re ke tlaa swela mo setlhageng sa me, ke tlaa ntsifatsa malatsi a me a nna jaaka mošawa.
19Modi wa me o anametse kwa metsing, monyo o lala o le mo kaleng ya me bosigo jotlhe.
20Borena jwa me bo ntse boša mo go nna, bora jwa me bo šafetse mo seatleng sa me.
21Batho ba ne ba tle ba ntshekegele tsebe, ba lebelele, ba didimalele kgakololo ya me.
22E re morago ga mafoko a me ba se ke ba tlhole ba bua; mme puo ya me ya ba rothela.
23Ba ne ba ntebelela jaaka go lebelelwa pula; ba atlhamolosa legano thata jaaka ekete go na pula ya kgogolammoko.
24Fa ke ne ke ba tshega ba se ke ba go dumele; le go sa ga matlho a me ba se ke ba go tlhontshe.
25Ka ba senkela tsela ya bone, mme ka nna tlhogo, ka ba ka aga jaaka kgosi mo ntweng, jaaka mongwe yo o gomotsang bahutsafadi.”