Tswana 1992 Bible - 28 verses
1βRuri go na le motlobo wa selefera, le felo ga gouta e ba e itshekisang.
2Tshipi e ntshiwa mo mmung, le kgotlho e ntshiwa mo boraleng ka go tlhapolosiwa.
3Motho o anola lefifi, a kheleisetse kwa molelwaneng wa bofelo, a senka maje a lefifi le lentsho le a moriti wa loso.
4Ba tle ba phunyetse morafo kgakala le kwa batho ba ntseng gone; ba lebalwe ke lonao lwa mofeti, ba lepelele ba le kgakala le batho, ba akgaakgegele kwa le kwa.
5Ka ga lefatshe dijo di tswa mo go lone; le huhumelwe le pitikololwe jaaka ekete ka molelo.
6Maje a lone ke felo ga majana a disafira, mme go bapalwe dikgolokwe tsa gouta.
7Tsela eo ga e itsiwe ke letlaka lepe, le leitlho la malelakokwane ga le ise le e bone;
8dibatana tse di kokorogang ga di ise di e gate, le tau e e bogale ga e ise e fete ka gone.
9O ntshetsa seatla mo lefikeng le le legweka; a pitikolole dithaba kwa meding.
10A arole mesima mo gare ga mafika, leitlho la gagwe le bone sengwe le sengwe se se tlhokegang.
11O thiba dikelelo gore di se rothe; se se subegileng a se ntshetse kwa leseding.
12Ana mme botlhale jone bo tlaa bonwa kae? Le felo ga tlhaloganyo ke kae?
13Motho ga a itse tlhwatlhwa ya lone, le gone ga bo bonwe mo lefatsheng la batshedi.
14Boteng bo a re: βGa bo yo mo go nna:β lewatle le a re: βGa ke na najo.β
15Ga bo kake jwa bonwa ka gouta le gone selefera ga se ketla se lekanyediwa tlhwatlhwa ya lone.
16Ga bo kake jwa kaelwa tlhwatlhwa ka gouta ya Ofire, le fa e le ka Ε‘ohama e e tlhokegang, kgotsa ka safire.
17Gouta le galase ga di kake tsa bo lekana; le gone dilo tse di tlaa bo ananyang e tlaa bo e se mekgabo ya gouta e e itshekileng.
18Korale le legakwa ga di ketla di umakwa; ee, tlhwatlhwa ya botlhale e feta ya borube.
19Topase ya Ethiopia ga e ketla e bo lekana, le gone ga bo ketla bo lekanngwa tlhwatlhwa ka gouta e e itshekileng.
20Mme e le foo botlhale bo tswa kae? Le felo ga tlhaloganyo ke kae?
21Etswe bo subetswe matlho a batshedi botlhe, bo bipetswe dinonyane tsa loapi.
22Molete wa Tshenyegelo le Loso ba re: βRe utlwile tumedi ya jone ka ditsebe.β
23Modimo o tlhalogantse tsela ya jone, o itse bonno jwa jone.
24Gonne o lebile kwa dikhutlong tsa lefatshe, o bona fa tlase ga legodimo lotlhe fela;
25go direla phefo selekanyo sa bokete; ee, o lekanya metsi ka selekanyo.
26E rile o direla pula molao, le logadima lwa maru tsela;
27foo wa bo bona, wa bo kakanya; wa bo tlhomamisa, ee, wa bo tlhotlhomisa.
28Wa raya motho wa re: βBona, go boifa Morena ke jone botlhale; le go kgaogana le bosula ke yone tlhaloganyo.β β