Tswana 1992 Bible - 40 verses
1“Ke ne ka dira kgolagano le matlho a me, jalo ke ne ke ka leba mosetsana jang?
2Gonne kabo ya Modimo e e tswang godimong ke eng, le se Mothatayotlhe o se abang boswa jo bo tswang bogodimong ke eng?
3A ga se tatlhego ya basiamolodi, le go ya setime ga badiri ba boikepo?
4A ga a bone ditsela tsa me, a ba a bala dikgato tsotlhe tsa me?
5“Fa ke sepetse ka boithamako, fa lonao lwa me lo akofetse mo tsietsong;
6(a ke lekanngwe mo selekanyong sa pego se se lekalekanyeng, gore Modimo o tlo o itse thokgamo ya me);
7fa kgato ya me e fapogile tsela, fa pelo ya me e setse matlho a me morago, fa setshubaba sengwe se ngaparetse diatla tsa me,
8foo a ke jale, mme go je o sele; ee, a ditotafalo tsa tshimo ya me di mumulwe.
9“Fa pelo ya me e kile ya fepisiwa ke mosadi, fa ke laletse fa kgorong ya wa gaetsho;
10foo a mosadi wa me a silele o sele, mme ba bangwe ba obame mo go ene.
11Gonne moo e ne e tlaa nna mathamo; ee, e tlaa nna boikepo jwa go bediwa ke baatlhodi;
12gonne ke molelo o o lailelang kwa Tshenyegong, e le o o neng o tlaa mumula totafalelo ya me yotlhe fela.
13“Fa e rile motlhanka wa me, le fa e le lelata la me, ba ganela le nna ka nyatsa mafoko a bone;
14foo ke tlaa dirang mogang Modimo o nanogang? Mogang o sekisang ke tlaa o fetola ke reng?
15Yo o ntirileng mo sebopelong a ga a a mo dira le ene? A ga re a bopiwa roo babedi ke a le mongwe fela mo sebopelong?
16“Fa ke ganne ka sengwe se mohumanegi o ne a se eletsa, kgotsa ka tlhaedisa matlho a mosadi wa motlholagadi;
17kgotsa fa ke jele thathanyana ya me ke le nosi, mme lesiela le se ka la ja ga yone;
18(nnyaa, e sa le ka bokau jwa me, le ntse le gola fela le nna, jaaka ke ka bo ke le rraalo; ene ke sa le ke nna mogogi wa gagwe go tswa sebopelong sa ga mme);
19fa ke bonye mongwe a swa ka go tlhoka diaparo, kgotsa motlhoki a se na kobo;
20fa ditheka tsa gagwe di se ka tsa ntshegofatsa, fa a se ka a thuthafadiwa ka bobowa jwa dinku tsa me;
21fa ke tsholeleditse lesiela letsogo la me go le senya, ka gobo ke bona thuso ya me kwa kgotleng,
22foo a lerudi la me le we mo legetleng, letsogo la me le komolwe mo lesapong.
23Gonne tatlhego e e tswang mo Modimong e ne e le theregiso mo go nna mme ka ntlha ya tlotlomalo ya one ke ne ke sa nonofa go dira sepe.
24“Fa ke dirile gouta tsholofelo ya me, mme ka raya gouta e e itshekileng ka re: ‘O boikanyo jwa me;’
25fa ke itumetse ka gobo khumo ya me e le kgolo, le ka gobo seatla sa me se bapetse thata;
26fa ke lebile letsatsi ka le phatsima, kgotsa kgwedi ka e tsamaya mo bophatsimong;
27fa pelo ya me e fepisiwa ka bosaitsiweng, le molomo wa me wa atla seatla sa me,
28moo le gone e ne e tlaa nna boikepo jwa go bediwa ke baatlhodi; gonne ke tlaa bo ke akeditse Modimo o o kwa godimo.
29“Fa ke itumeletse tshenyego ya yo o nkilang, kgotsa ka ikgoletsa kwa godimo fa bosula bo mo tshwere;
30(ee, ga ke a ka ka leseletsa molomo wa me go leofa ka go lopa ka phutso gore a swe);
31fa batho ba mogope wa me ba se ka ba re: ‘E mang yo o ka bonang mongwe yo o sa kgorang dijo tsa gagwe?’
32Moeng ga a ka a lala mo mmileng, mme ka bulela motsamai ditswalo tsa me;
33fa ke editse Atame ka bipa ditlolo tsa me, ka loba boikepo jwa me mo sehubeng sa me,
34ka gobo ke ne ke boifa bontsi jo bogolo, fa lonyatso lwa ba makgotla lo lwa ntheregisa ka ba ka tla ka didimala, ke se ka ka tswela kwa ntle ga ntlo;
35a bo ke ka bo ke na le mongwe yo o nkutlwang! (Bona, go ikwala ga me ke mo, a Mothatayotlhe a mphetole); mme ka nna le lokwalo lo lo mpayang molato, lo moganetsi wa me o lo kwadileng!
36Ruri ke ne ke tlaa lo sikara mo leruding la me; ke ne ke tlaa lo bofelela mo go nna jaaka serwalo sa tlhogo.
37Ke ne ke tlaa mo kakanyetsa palo ya dikgato tsa me, ke ne ke tlaa mo atamela jaaka kgosana.
38Fa lefatshe la me le goa ka ga me, le meralo ya lone e lela mmogo;
39fa ke jele maungo a lone e seng ka madi, kgotsa ke gonotse mowa wa beng ba lone,
40a sitlasitlwane e tlhoge mo boemong jwa mabele le mofero mo boemong jwa mmidi.” Mafoko a ga Jobe a fedile.