Tswana 1992 Bible - 33 verses
1“Le fa go ntse jalo wena Jobe, ke a go rapela, utlwa puo ya me, o reetse mafoko a me otlhe.
2Bona jaana, ke tumolotse molomo wa me, loleme lwa me lo buile mo ganong la me.
3Mantswe a me a tlaa kakanya thokgamo ya pelo ya me; se dipounama tsa me di se itseng di tlaa se bua ka bophepa.
4Mowa wa Modimo o ntirile, go budula ga Mothatayotlhe go a ntshedisa.
5Fa o nonofile, o tle o mphetole; o rulaganye mafoko a gago; ema fa pele ga me!
6Bona, nna ke ntlheng ya Modimo, fela jaaka wena; le nna ke bopilwe ka letsopa.
7Bona, theregiso ya me ga e ketla e go boifisa, le gone ga o ketla o imelesega ka kgatelelo ya me.
8“Ruri o buile mo kutlong ya me, ke utlwile lentswe la mafoko a gago, wa re:
9‘Ke itshekile, ke se na tlolo; ke phepa fela, le gone ga go na boikepo mo go nna.
10Bona, o bona dikgopi mo go nna, o nkaya go re ke mmaba wa one;
11o tsenya dinao tsa me mo disaneng, o tlhokometse ditselana tsotlhe tsa me.’
12Bona, ke tlaa go fetola mo go se, ga o a siama; gonne Modimo o mogolo bogolo go motho.
13Ana o ganelelang le one, gonne ga o ke o ipolelela mo dilong dipe tsa one?
14Gonne Modimo o bua gangwe fela, ee gabedi, le fa motho a sa go tlhokomele.
15E re mo torong, mo ponatshegelong ya bosigo, fa thulamelo e kgolo e wela batho mo borokong mo bolaong;
16foo o kabolole batho ditsebe, o kanele thuto mo go tsone.
17Gore o tlose motho mo boikaelelong jwa gagwe, le go subela motho boikgodiso;
18o thiba mowa wa gagwe, gore o se ye mo moleteng, le botshelo jwa gagwe gore a se swe ka tšhaka.
19Le gone o otlhaiwa ka bolwetse mo bolaong jwa gagwe, le ka tlhatlharo e e sa khutleng mo marapong a gagwe;
20jalo botshelo jwa gagwe boo bo tle bo tenwe ke dijo, le mowa wa gagwe ke dijo tse di metsegang.
21Nama ya gagwe e tlhorege, ga e kake ya bonwa; marapo a gagwe a a neng a sa bonwe a bile a tswetse kwa ntle.
22Ee, mowa wa gagwe o atamela kwa moleteng, le botshelo jwa gagwe kwa disenying.
23Fa go na le moengele mongwe nae, e le mophutholodi, e le motho a le mongwe fela mo go ba ba sekete, gore a kaele motho se se mo siametseng;
24foo o nna pelotshweu kwa go ene, mme o re: ‘Mo golole, gore a se ka a fologela mo moleteng, ke bonye thekololo.’
25Nama ya gagwe e tlaa šafala bogolo go ya ngwanyana, o tlaa boela mo malatsing a bokau jwa gagwe.
26A rapele Modimo, mme o nne pelotshweu kwa go ene; a ba a tle a bone sefatlhogo sa one ka boitumelo; o rebolele motho tshiamo ya gagwe.
27A opele fa pele ga batho, a re: ‘Ke leofile, ka sokamisa sone se se siameng, mme go se ka ga nthusa sepe.
28O rekolotse mowa wa me gore o se ye mo moleteng, botshelo jwa me bo tlaa bona lesedi.’
29Bona, dilo tsotlhe tse Modimo o a di dira, o di direla motho gabedi, ee, gararo.
30Go busa mowa wa gagwe mo moleteng, gore a sedifadiwe ka lesedi la batshedi.
31Jobe, o tlhokomele thata, o ntheetse; didimala mme ke tlaa bua.
32Fa o na le sengwe se o se buang o mphetole; bua, gonne ke rata go go siamisa.
33Fa go sa nna jalo, o reetse nna; didimala, mme ke tlaa go ruta botlhale.”