Tswana 1992 Bible - 16 verses
1Gape Elihu a fela a fetola, a re:
2βA o gopola go re se ke tshiamelo ya gago, kgotsa o ithaya o re: βTshiamo ya me e feta ya Modimo,β
3fa e bo ne ne o re: βGo tlaa nthusang?β Gape wa re: βKe tlaa bona eng bogolo go fa nka bo ke leofile?β
4Ke tlaa go fetola, le bankana ba gago nao.
5Lelalela magodimong, o bone; leba loapi lo lo godimo bogolo go wena.
6Fa o leofile o a bo o o direla eng? Fa ditlolo tsa gago di ntsifetse, o a bo o o dirang?
7Fa o le tshiamo, o a bo o o naya eng? Kgotsa: O a bo o amogelang mo seatleng sa gago?
8Bosula jwa gago bo ka utlwisa motho yo o tshwanang nao botlhoko; tshiamo ya gago e ka thusa mongwe morwa motho.
9βBatho ba tle ba bokolele ka ntlha ya bontsi jwa dipatiko; ba goelele thuso ka ntlha ya letsogo la ba ba thata.
10Mme go bo go se na ope yo o reng: βO kae Modimo Modiri wa me, o o opedisang batho bosigo,
11o o re rutang bogolo go diphologolo tsa lefatshe, o re tlhaletsha bogolo go dinonyane tsa loapi?β
12Foo ba goe, mme ga go arabe ope, ka ntlha ya boikgodiso jwa batho ba ba bosula.
13Ruri Modimo o a bo o se ketla o utlwa boithamako, le gone Mothatayotlhe ga a ketla a bo tlhokomela.
14Bogolo jang ga o ketla o utlwa fa o re ga o o bone, mafoko a a sekwang a fa pele ga one, mme o o letile.
15Mme jaanong, ka o se ka wa lefetsa ka bogale jwa one, le gone ka o sa tlhokomele boitelaganyo bobe;
16ke gone ka moo Jobe o tumololang molomo wa gagwe ka boithamako; o ntsifatsa mafoko a se na kitso.β