Tswana 1992 Bible - 33 verses
1Le gone Elihu a tswelela pele, a re:
2“Ntesa go le gonnye, mme ke tlaa go kaela; gonne ke sa na le sengwe se ke se buang ntlheng ya Modimo.
3Ke tlaa ya go tsaya kitso ya me kgakala, ke tlaa kaela Modiri wa me tshiamo.
4Gonne ruri mafoko a me ga se a maaka; mongwe yo o itekanetseng mo kitsong o na nao.
5Bona, Modimo o nonofile, ga o nyatse ope; o thata mo nonofong ya tlhaloganyo.
6Ga o boloke botshelo jwa ba ba bosula; mme o naya ba ba patikwang tshiamelo ya bone.
7Ga o tlose matlho a one mo basiaming; mme o ba baya le dikgosi mo setulong sa bogosi ka bosakhutleng, mme ba goletsege.
8Fa ba golegwa ka dikeetane, ba ba ba tshwarwa ka megala ya patiko;
9foo o ba supetse tiro ya bone le ditlolo tsa bone fa ba dirile ka boikgodiso.
10Gape o kabololele thuto tsebe ya bone, o laole gore ba bowe mo boikepong.
11Fa ba reetsa, ba o direla, ba tlaa fetisa malatsi a bone mo tlhogonolofalong le dinyaga tsa bone mo monateng.
12Mme fa ba sa reetse, ba tlaa nyelela ka tšhaka, ba tlaa swa go se na kitso.
13Bone ba ba sa reng Modimo sepe mo pelong ba kokotletsa bogale; ga ba goele thuso fa o ba bofa.
14Ba tle ba swe mo bokaung, botshelo jwa bone bo felele mo go ba ba itshekologileng.
15O golola ba ba patikwang ka patiko ya bone; o kabolole ditsebe tsa bone ka pogiso.
16Ee, o ne a tlaa bo a go ntshitse mo patikegong, a go isa felong fa go atlhameng, kwa go se nang pitlagano gone; mme se se bewang mo lomating lwa gago lwa bojelo se ne se tlaa tlala mahura.
17“Mme o tletse tshekiso ya baikepi; tshekiso le tekatekanyo di go tshwere.
18E re ka go na le bogale, o itise gore o se ka wa timediwa ke boikgantsho jwa gago; le gone, a bogolo jwa thekololo bo se go fapose.
19A dikhumo tsa gago di tlaa lekana, gore o se nne mo patikegong, kgotsa dithata tsotlhe tsa nonofo ya gago?
20O se ka wa eletsa bosigo, e le lobaka lwa batho go kgaolwa mo bonnong jwa bone.
21O itise, o se ka wa tlhokomela boikepo, gonne o itshenketse jone bogolo go patikego.
22Bona, Modimo o dira ka bogodi mo thateng ya one. E mang yo e leng moruti jaaka one?
23E mang yo o o laoletseng tsela ya one, kgotsa e mang yo o ka reng, o dirile tshiamololo?
24“O gakologelwe go godisa tiro ya one e batho ba e opetseng.
25Batho botlhe ba ntse ba e lebile; motho o e bonela kgakala.
26Bona, Modimo o mogolo, ga re o itse; palo ya dinyaga tsa one e retela go tlhotlhomisiwa.
27Gonne o gogela dithothi tsa metsi godimong, tse di fetogang pula e e tswang mo mouwaneng wa one;
28e loapi lo e thelang, lo e thotheletsa mo bathong ka letlotlo.
29Ee, a mongwe o ka tlhaloganya diphuthologo tsa maru, le tutumo ya mogope wa tsharologo wa one?
30Bona, o phutholola lesedi la one tikologong ya one; o khurumetsa boteng jwa lewatle.
31Gonne o atlhola ditšhaba ka dilo tse; o naya batho dijo ka botlalo.
32O ipipa diatla tsa one ka tladi, o e laela gore e iteye fa go laotsweng.
33Loratla lwa yone lo bolela ka ga one, le tsone dikgomo lo a di bolelela ka ga ledimo le le tlogang le tla.”