Tswana 1992 Bible - 21 verses
1Foo ga fetola Elifase wa Motemane, a re:
2βFa motho a leka go bua nao, a o tlaa nna pelo e botlhoko? Mme e mang yo o ka ithibang mo go bueng?
3Bona, o rutile batho ba le bantsi, o thatafaditse diatla tse di bokoa.
4Mafoko a gago a emisitse yo o ne a kgokgweetsega, le mangole a a obegang o a nonotshitse.
5Mme jaanong se tsile mo go wena, mme o a idibala; se a go ama, mme o a huduega.
6A go boifa Modimo ga gago ga se gone boikanyo jwa gago, le bosenang molato jwa ditsela tsa gago, a ga se jone tsholofelo ya gago?
7βKe a go rapela, o tle o gakologelwe gore e mang yo o kileng a nyelela a se na molato? Kgotsa bathokgami ba kile ba kgaolwa kae?
8Ka fa nna ke bonyeng ka teng, ke go re: ba ba lemang boikepo, ba jala bosenyi, ba tle ba robe jone fela.
9Ba tle ba nyelediwe ke go hema ga Modimo, ba lailwe ke tsubutlo ya bogale jwa one.
10Go duma ga tau, le kodu ya tau e e bogale, le meno a ditawana, go robegile.
11Tau e kgolo e tle e bopame ka go tlhoka phologolo, le bana ba tau e namagadi ba phatlalale.
12βJaana ka sebediwa sengwe, ka longwa tsebe ka ga sone.
13E rile mo megopolong e e tswang mo diponatshegelong tsa bosigo, motlhang boroko jo bogolo bo tshwereng batho,
14poifo ya nkwela, le thoromo, e e neng ya roromisa marapo a me otlhe fela.
15Foo sedimo sengwe sa feta fa pele ga sefatlhogo sa me, nama ya me ya tlhonya bobowa.
16Sa ema, mme ke se ka ka lemoga ponalo ya sone; ga bo go le sebopego fa pele ga matlho a me, go tuuletse fela, mme ka utlwa lentswe le re:
17βA motho yo o swang o ka nna tshiamo bogolo go Modimo? A monna o ka itsheka bogolo go Modiri wa gagwe?
18Bona, ga o ikanye batlhanka ba one; le baengele ba one o tle o ba neye molato wa boeleele.
19Bogolo jang bone ba ba agileng mo matlong a seretse, a motheo wa one o leng mo loroleng, a phatlakanngwa jaaka serurubele.
20Gare ga moso le maitsebowa ba tle ba senngwe, ba swele ruri, ba sa tlhokomelwe ke ope.
21A megala ya megope ya bone ga e tlhomolwe mo teng ga bone? Ba swe, e bile e le mo go se nang botlhale.β