Tswana 1992 Bible - 27 verses
1“A ko o bitse jaana; a go na le mongwe yo o tlaa go arabang? O tlaa retologela kwa go ofe wa baitshepi?
2Gonne tshwenyego e tle e bolaye motho yoo bonyana, le lefufa le bolaye seeleele.
3Ke bonye ba ba dieleele ba mela metswe, ka hutsa boago jwa gagwe ka tshoganetso.
4Bana ba gagwe ba kgakala le polokego, ba tle ba pitlwe mo kgorong, le gone go se na ope yo o ba gololang.
5Ba ba bolawang ke tlala ba je thobo ya bone, ba ba ba e ntshe le mo teng ga mitlwa; e bile seru se atlhametse thoto tsa bone.
6Gonne patiko ga e tswe mo loroleng le khuduego ga e tlhoge mo mmung;
7motho o tsaletswe khuduego jaaka ditlhase tsa molelo di tle di thunyetse kwa godimo.
8Mme ka ga me, ke rata go batlela kwa Modimong; ke rata go neela Modimo mafoko a me a tsheko;
9o o dirang dilo tse dikgolo le tse di se nang bokankabetso, dilo tse di gakgamatsang, tse di se nang palo.
10O o nesang pula mo lefatsheng, o tlise metsi mo nageng,
11jalo o beye kwa godimo bone ba ba kwa tlase; ba ba hutsafalang ba golelediwe mo polokegong.
12O tle o tsupuetse ditogamaano tsa maferefere, jalo diatla tsa bone di retelelwe ke go dirafatsa maikaelelo a bone.
13O tle o tshware matlhale mo boferefereng jwa bone; le kgakololo ya ba ba lesoko e goromelediwe koo.
14Ba tle ba kgatlhane le lefifi go le motshegare, ba apaape go le motshegare jaaka mo bosigong.
15O tle o golole mo tšhakeng ya molomo wa bone, e bong motlhoki mo seatleng sa mothati.
16Jalo mohumanegi a nne le tsholofelo, boikepo bo ithibe molomo.
17Bona, go sego motho yo Modimo o mo omanyang; ke gone o se ka wa nyatsa kwatlhao ya Mothatayotlhe.
18Gonne o a tle a tlhokofatse, mme a itse go fapa; a ntshe ntho, mme diatla tsa gagwe di fodise.
19O tlaa go golola mo dikhuduegong di le thataro; ee, mo go di supa, ga go bosula bope jo bo tlaa go amang.
20E tlaa re mo mosweleng a go golole mo losung; le mo ntweng a go golole mo thateng ya tšhaka.
21O tlaa subelwa go betsa ga loleme; le gone ga o ketla o boifa tshenyego mogang e tlang.
22O tlaa tshega tshenyego le borole; le gone ga o ketla o boifa dibatana tsa lefatshe.
23Gonne o tlaa bo o na le kgolagano le maje a naga; le dibatana tsa naga di tlaa nna kagiso nao.
24O tlaa itse fa mogope wa gago o le mo kagisong; o tlaa ya go tlhola lesaka la gago, mme ga o ketla o tlhoka sepe.
25O tlaa ba o itse fa losika lwa gago lo tlaa nna logolo, le go re lotsalo lwa gago lo tlaa nna jaaka bojang jwa lefatshe.
26O tlaa fitlha mo phupung ya gago o le botsofe jo bo tletseng jaaka mokoa wa mabele o tle o fitlhe ka o e leng motlha wa one.
27Bona se, re se kheleisitse, mme se ntse jalo; o se utlwe, o bo o se itse, gore se nne molemo mo go wena.”