Tswana 1992 Bible - 34 verses
1βA o ka goga kwena wa e ntshetsa kwa ntle ka kgoge ya tlhapi, kgotsa a o ka gatelela loleme lwa yone ka lodi?
2A o ka tsenya mogala wa mokhasi mo nkong ya yone, kgotsa a o ka phunya lotlhaya lwa yone ka lomapo?
3A e ka go direla mekokotlelo e le mentsi, kgotsa a e ka bua nao mafoko a a bonolo?
4A e tlaa dira nao kgolagano ya go ka o e tsaya ya nna motlhanka wa gago ka bosakhutleng?
5A o ka tshameka nayo jaaka fa e ka bo e le nonyane? Kgotsa a o tlaa e golegela barweetsana ba gago?
6A masomo a batshwari ba ditlhapi a tlaa e ntsha tlhwatlhwa? A ba tlaa e kgaoganya mo bareking?
7A o ka rothotha letlalo la yone ka marumo a dikobe, kgotsa tlhogo ya yone ka marumo a ditlhapi?
8Baya seatla sa gago mo go yone; o gakologelwe go loma ga yone, mme ga o ketla o tlhola o dira jalo.
9Bona, tsholofelo ya go e tshwara ke lefela, a motho ga a tlhoboge le fa a e bona fela?
10Ga go na ope yo o pelokgale ya go e kgotla; mme foo yo o ka emang fa pele ga me e mang?
11E mang yo o simolotseng a nnaya pele, fa e bo ne ne ke ka busetsa mo go ene? Sengwe le sengwe se se fa tlase ga legodimo lotlhe ke sa me.
12βGa nketla ke didimala ka ga ditokololo tsa yone, le fa e le nonofo e kgolo ya yone, le fa e le popego ya yone e e lekalekanyeng sentle.
13E mang yo o ka e khumolotsang seaparo sa ka fa ntle? E mang yo o ka tsenang ka fa teng ga ditlhaya tsa yone tse di tlhatlaganyeng?
14E mang yo o ka bulang ditswalo tsa sefatlhogo sa yone? Meno a yone a dikologilwe ke therego.
15Makape a yone a a thata ke pelafalo ya yone, a kitlantswe jaaka e ka bo e le ka sekano se se pitlaganyang.
16Le lengwe le atamalanye le le lengwe thata, go bile go retelela le phefo go tsena fa gare ga one.
17A lomaganye mmogo; a ngaparalanye, ga a kake a patologanngwa.
18Maethimolo a yone a ntsha ditlhase tsa lesedi, matlho a yone a tshwana le dintshi tsa matlho a moso.
19Ditime tse di tukang di tswa mo ganong la yone, le ditlhase tsa molelo di tswe.
20Mo dinkong tsa yone go tswe mosi jaaka ekete wa pitsa e e apeileng le motsitla o o Ε‘ang.
21Pudulo ya yone e tshuba magala, kgabo ya molelo e tswa mo ganong la yone.
22Thata e nna mo thamong ya yone, theregiso e bina fa pele ga yone.
23Matlhatlhagano a nama ya yone a ngaparalanye, a kwenne mo go yone; ga a kake a tshikinngwa.
24Pelo ya yone e kwenne jaaka lentswe; ee, e kwenne jaaka lolwala.
25Fa e itsholetsa, ba ba thata ba boife, be tlhakane tlhogo ka ntlha ya go tlakasela.
26Fa motho a e losa ka tΕ‘haka, ga go thuse sepe, le fa e le ka lerumo, le ka motswi, le ka logong lo lo tlhokoditsweng.
27E kaya tshipi jaaka lotlhaka, le kgotlho jaaka kono fela.
28Motswi ga o kake wa e tshabisa; majana a motsekedi a fetoga dirite mo go yone.
29Melamu e kaiwe jaaka dirite, e tshege go ibalala ga putlela.
30Ka kwa mpeng ga yone go etsa dipeana tse di dintlha di bogale, e e beye sephara ekete ke koloi e fola mo marageng.
31E bedise boteng jaaka pitsa, e dire lewatle go nna jaaka setlolo.
32E dira tsela e e phatsimang morago ga yone; motho a gopole go re boteng bo thuntse.
33Mo lefatsheng ga go na sepe se se tshwanang nayo, e le se se se nang poifo.
34E tle e lebe sengwe le sengwe se se goletsegileng; ke kgosi godimo ga bana ba boikgodiso botlhe fela.β