Tswana 1992 Bible - 24 verses
1Gape Jehofa a fetola Jobe a re:
2βYo o betogang fela a o tlaa ganela le Mothatayotlhe? Yo o ganetsanyang le Modimo, a a go fetole.β
3Foo Jobe a fetola Jehofa a re:
4βBona, ga ke sepe; ke tlaa go fetola ke reng? Ke ipaya seatla mo molomong fela.
5Ke buile gangwe fela, mme ga nketla ke fetola; ee, gabedi, mme ga nketla ke tlhola ke tswelela.β
6Foo Jehofa a le mo sefefong a fetola Jobe a re:
7βA ko o ikokwaele lotheka jaana jaaka monna, ke tlaa go botsa, mme o nkakanyetse.
8A o tlaa tsupuetsa le e leng katlholo ya me? A o tlaa mpona molato gore o tle o siamisiwe?
9Kgotsa a o na le letsogo le le tshwanang jaaka la Modimo? A o ka duma ka lentswe jaaka one?
10A ko o ikgabise ka tlotlomalo le bogolwane, mme o ikapese ka tlotlo le borena.
11Thela mapenologo a bogale jwa gago, o lebe mongwe le mongwe yo o ikgodisang o mo kokobetse.
12Leba mongwe le mongwe yo o ikgodisang, mme o mo ise kwa tlase; o gatakele baikepi fa ba emeng gone.
13Ba fitlhe mmogo mo loroleng; o bofele difatlhogo tsa bone mo felong fa go fitlhegileng.
14Foo le nna ke tlaa go ipolela, gore seatla se segolo sa gago tota se ka go boloka.
15A ko o bone kubu, e ke e dirileng jaaka le wena ke go dirile; e ja bojang jaaka kgomo.
16A ko o bone, thata ya yone e mo lothekeng lwa yone, nonofo ya yone e mo mesifeng ya mpa ya yone.
17E tle e tsokotse mogatla jaaka setlhare sa mosetara; mesifa ya dirope tsa yone e nganaganye.
18Marapo a yone a ntse jaaka mephakalego ya kgotlho; dikgopo tsa yone di tshwana jaaka mephakalego ya tshipi.
19Ke yone e kgolo mo ditirong tsa Modimo; ene yo o e dirileng ke ene esi yo o ka atametsang tΕ‘haka ya gagwe kwa go yone.
20Ruri dithaba di e medisetsa dijo; kwa diphologolo tsotlhe tsa naga di tshamekelang gone.
21E tle e bothe fa tlase ga koma, mo boiphitlhelong jwa lotlhaka, le mo ditsobotleng.
22Koma ya e sira ka moriti wa yone; madubunoka a molatswana a e dikanyetse.
23Bona, le fa noka e penologa, ga e rorome; e boikanyo fela le fa Joretane a gogomogela le kwa molomong wa yone.
24A mongwe o ka e tshwara e lebile, kgotsa a mongwe o ka phunya nko ya yone ka serai?