Tswana 1992 Bible - 19 verses
1Ke rata Jehofa, gonne o utlwile lentswe la me, le mekokotlelo ya me.
2Ka a ntshekegetse tsebe ya gagwe, ke gone ke tlaa nnang ke mmitsa ka ke sa ntse ke tshedile.
3Dikgole tsa loso di ne di ntsentse gare, matlhoko a Bobipo a ntshwere; ka bona tlalelo le bohutsana.
4Foo ka bitsa leina la ga Jehofa; ka re: βJehofa, ke a go rapela, golola mowa wa me.β
5Jehofa o pelotshweu, o tshiamo; ee, Modimo wa rona o kutlwelobotlhoko.
6Jehofa o boloka ba ba sa tlhalefang; ke ne ke ngotlilwe, mme a mpoloka.
7Boela mo boikhutsong jwa gago, wena mowa wa me, gonne Jehofa o go diretse sentle ka mo go feteletseng.
8Gonne o golotse mowa wa me mo losong, le matlho a me mo dikeleding, le dinao tsa me gore ke se we.
9Ke tlaa sepela fa pele ga Jehofa mo lefatsheng la batshedi.
10Ke a dumela, gonne ke tlaa bua: βKe ne ke patikegile thata;β
11ka bua mo go potlakeng ga me, ka re: βBatho botlhe ke maaka fela.β
12Ke tlaa ntshetsa Jehofa eng ka ntlha ya masego otlhe a gagwe a o a ntiretseng?
13Ke tlaa tsaya senwelo sa poloko, mme ke tlaa bitsa leina la ga Jehofa.
14Ke tlaa lefela Jehofa maikano a me, ee, fa pele ga batho botlhe ba gagwe.
15Loso lwa baitshepi ba gagwe lo tlotlega thata mo matlhong a ga Jehofa.
16Jehofa, ruri ke motlhanka wa gago; ke motlhanka wa gago, ke ngwana wa lelata la gago; o hunolotse dikgolego tsa me.
17Ke tlaa go isetsa setlhabelo sa tebogo, mme ke tlaa bitsa leina la ga Jehofa.
18Ke tlaa lefela Jehofa maikano a me, ee, fa pele ga batho botlhe ba gagwe;
19mo malwapeng a ntlo ya ga Jehofa, mo gare ga gago, wena Jerusalema. Bakang Jehofa.