Tswana 1992 Bible - 18 verses
1E seng rona Jehofa, e seng rona, mme naya leina la gago kgalalelo ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gago, le ka ntlha ya boammaaruri jwa gago.
2Ana merafe e tlaa bo e buelang, e re: βAna jaana Modimo wa bone o a bo o le kae?β
3Modimo wa rona o kwa magodimong; o dirile ka fa o ratileng ka gone.
4Medimo ya bone ya disetwa ke selefera le gouta, ke tiro ya diatla tsa batho fela.
5E na le melomo, mme ga e bue; e na le matlho, mme ga e bone;
6e na le ditsebe, mme ga e utlwe; e na le dinko, mme ga e dupe;
7e na le diatla, mme ga e tshware; e na le dinao, mme ga e tsamaye; le gone ga e bue ka memetso ya yone.
8Ba ba e dirang ba tlaa tshwana nayo fela, ee, le mongwe le mongwe yo o ikanyang mo go yone.
9Wena Iseraele, o ikanye Jehofa; ke ene thuso ya bone, le thebe ya bone.
10Lona ba ntlo ya ga Arone, ikanyeng Jehofa; ke ene thuso ya bone, le thebe ya bone.
11Lona ba lo boifang Jehofa, ikanyeng Jehofa; ke ene thuso ya bone, le thebe ya bone.
12Jehofa o ntse a re gopotse; o tlaa re segofatsa; o tlaa segofatsa ntlo ya Iseraele; o tlaa segofatsa ntlo ya ga Arone.
13O tlaa segofatsa ba ba boifang Jehofa, bannye le bagolo.
14A Jehofa a lo atise segolo bogolo, lona le bana ba lona.
15Lo segofadiwe ke Jehofa yo o dirileng legodimo le lefatshe.
16Magodimo ke magodimo a ga Jehofa; mme lefatshe o le neile bana ba batho.
17Baswi ga ba bake Jehofa, le fa e le ope yo o fologelang mo tuulalong.
18Mme rona re tlaa baka Jehofa, go tloga fano gompieno go ya bosakhutleng. Bakang Jehofa.