Tswana 1992 Bible - 176 verses
1Go sego bone ba ba itekanetseng mo tseleng, ba sepela mo molaong wa ga Jehofa.
2Go sego ba ba bolokang ditshupo tsa gagwe, ba mmatla ka pelo yotlhe.
3Ee, ba bo ba sa dire tshiamololo epe, ba sepela fela mo ditseleng tsa gagwe.
4O re laeletse dikaelo tsa gago, gore re di tlhokomele ka tlhoafalo.
5Ao, a bo ditsela tsa me di ka bo ne ne di tlhomametse go tlhokomela ditao tsa gago!
6Foo ke ne ke se ketla ke tlhajwa ke ditlhong mogang ke tsayang ditaolo tsotlhe tsa gago tsia.
7Ke tlaa go ntshetsa malebogo ka thokgamo ya pelo, mogang ke ithutang dikatlholo tsa gago tse di siameng.
8Ke tlaa ela ditao tsa gago tlhoko; a ko o se ka wa ntlogelela ruri. Beth
9Ana motho wa lekau o tlaa ntlafatsa tsela ya gagwe ka eng? Ka go e tlhokomela ka fa lefokong la gago.
10Ke go batlile ka pelo ya me yotlhe fela; a ko o se ka wa ntesa ka timelwa ke ditaolo tsa gago.
11Ke beile lefoko la gago mo pelong ya me gore ke se ka ka go leofela.
12A go bakwe Jehofa; nthuta ditao tsa gago.
13Ka dipounama tsa me ke kakantse dikatlholo tsotlhe tsa molomo wa gago.
14Ke ntse ke itumetse mo tseleng ya ditshupo tsa gago mo go kanang ka fa ke itumelela dikhumo tsotlhe.
15Ke tlaa tlhatlhanya dikaelo tsa gago, ke tlaa tsaya ditsela tsa gago tsia.
16Ke tlaa ijesa monate mo ditaong tsa gago; ga nketla ke lebala lefoko la gago. Gimel
17Direla motlhanka wa gago sentle ka pelo e e feteletseng, gore ke tle ke tshele; jalo ke tlaa tsaya lefoko la gago tsia.
18Budulola matlho a me, gore ke bone dilo tse di gakgamatsang tsa molao wa gago.
19Ke mojaki fela mo lefatsheng, se ntshubele ditaolo tsa gago.
20Mowa wa me o phatlolwa ke go tlhologelelwa dikatlholo tsa gago ka metlha yotlhe.
21O kgalemetse bapelompe, ba ba hutsegileng, ba ba timelelwang ke ditaolo tsa gago.
22Tlosa kgobo le lonyatso mo go nna; gonne ke bolokile ditshupo tsa gago.
23Dikgosana le tsone tsa dula, tsa nna tsa ntsheba; mme motlhanka wa gago a nna a tlhatlhanya ditao tsa gago fela.
24Ditshupo tsa gago le tsone di njesa monate; ke digakolodi tsa me. Daleth
25Mowa wa me o ngaparetse lorole; ntsitsibosa ka fa lefokong la gago.
26Ke ne ka kakanya ditsela tsa me, mme wa nkaraba; nthuta ditao tsa gago.
27Ntlhaloganyetsa tsela ya dikaelo tsa gago; jalo ke tlaa tlhatlhanya ditiro tsa gago tse di gakgamatsang.
28Ke nyera mowa ka go imelesega; nthatafatsa ka fa lefokong la gago.
29Tlosa tsela ya maaka mo go nna; o nneye molao wa gago ka pelotshweu.
30Ke itshenketse tsela ya boikanngo; dikatlholo tsa gago ke di tlhomile fa pele ga me.
31Ke ngaparetse ditshupo tsa gago; Jehofa, o se ka wa ntlhabisa ditlhong.
32Ke tlaa taboga mo tseleng ya ditaolo tsa gago, mogang o katolosang pelo ya me. He
33Nthuta tsela ya ditao tsa gago,
34Nnaya tlhaloganyo, mme ke tlaa boloka molao wa gago; ee, ke tlaa o tlhokomela ka pelo ya me yotlhe fela.
35Ntseisa tsela ya ditaolo tsa gago; gonne ke ja monate mo go tsone.
36Sokololela pelo ya me mo ditshupong tsa gago, e seng mo bopelotshetlheng.
37Faposa matlho a me mo go lebeng boithamako, o ntsitsibose mo ditseleng tsa gago.
38Tlhomamisetsa motlhanka wa gago lefoko la gago, yo ke leng wa poifo ya gago.
39Thibosa kgobo ya me, e ke e tshabang; gonne dikatlholo tsa gago di molemo.
40Bona, ke ntse ke tlhologeletswe dikaelo tsa gago; ntsitsibosa mo tshiamong ya gago. Vau
41A mautlwelobotlhoko a gago a tle mo go nna, Morena, e bong poloka ya gago, ka fa lefokong la gago.
42Jalo ke tlaa bo ke na le go fetola yo o nkgobang; gonne ke ikanya lefoko la gago.
43Lefoko la gago o se ka wa le tlosetsa ruri mo molomong wa me; gonne ke ntse ke solofetse mo dikatlholong tsa gago.
44Jalo ke tlaa tlhokomela molao wa gago ka gale, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.
45Ke tlaa tsamaya ke gololosegile; gonne ke senkile dikaelo tsa gago.
46Le gone ke tlaa bua ka ga ditshupo tsa gago, le fa pele ga dikgosi ga nketla ke tlhajwa ke ditlhong.
47Ke tlaa ijesa monate mo ditaolong tsa gago, tse ke di ratileng.
48Le tsone diatla tsa me, ke tlaa di tsholeletsa kwa ditaolong tsa gago, tse ke di ratileng; mme ke tlaa tlhatlhanya ditao tsa gago. Zain
49Gakologelwa lefoko le o le buileng le motlhanka wa gago, gonne o ntsholofeditse.
50Ke lone kgomotso ya me mo pitlaganong; gonne lefoko la gago le ntsitsibositse.
51Ba ba pelompe ba nngongotse segolo thata; le fa go ntse jalo ga ke a ngosela mo molaong wa gago.
52Ke ntse ke gakologetswe dikatlholo tsa gago tsa bogologolo Jehofa, mme ke ikgomoditse.
53Ke tshwerwe ke kgakatsego e e molelo ka ntlha ya baikepi ba ba tlogelang molao wa gago.
54Ditao tsa gago e ntse ke tsone dikopelo tsa me mo ntlong ya loeto lwa me.
55Ke ntse ke gakologetswe leina la gago, Jehofa, bosigo, mme ke tlhokometse molao wa gago.
56Moo ke ntse ke na nago, gonne ke bolokile dikaelo tsa gago. Keth
57Jehofa ke kabelo ya me; ke rile, ke tlaa tlhokomela mafoko a gago.
58Ke ne ka rapelela lesego la gago thata, ka pelo ya me yotlhe; o nne kutlwelobotlhoko mo go nna, ka fa lefokong la gago.
59Ka akanya mekgwa ya me, ka busetsa dinao tsa me mo ditshupong tsa gago.
60Ka itlhaganela, ka se ka ka nyafala go tlhokomela ditaolo tsa gago.
61Megala ya boikepi e ntharile, mme ga ke a lebala molao wa gago.
62Bosigo gare ke tlaa tsoga ke go leboga, ka ntlha ya dikatlholo tsa gago tse di siameng.
63Ke monkana wa botlhe ba ba go boifang, le wa ba ba tlhokomelang dikaelo tsa gago.
64Jehofa, lefatshe le tletse kutlwelobotlhoko ya gago; nthuta ditao tsa gago. Teth
65O diretse motlhanka wa gago sentle, Jehofa, fela ka fa lefokong la gago.
66Nthuta temogo e e molemo, le kitso; gonne ke dumetse ditaolo tsa gago.
67E rile ke ise ke patikwe ka timela; mme jaanong ke tlhokomela lefoko la gago.
68O molemo, mme o dira molemo; nthuta ditao tsa gago.
69Ba ba pelompe ba ntogetse kako; ke tlaa boloka dikaelo tsa gago ka pelo yotlhe ya me.
70Pelo ya bone e nonne jaaka mafura, mme nna ke natefelwa mo molaong wa gago.
71Go ntiretse molemo fa ke ntse ke patikwa; gore ke tle ke ithute ditao tsa gago.
72Molao wa molomo wa gago o molemo mo go nna bogolo go makgolokgolo a gouta le selefera. Yod
73Diatla tsa gago di ntirile tsa ba tsa mpopa; nnaya tlhaloganyo, gore ke ithute ditaolo tsa gago.
74Ba ba go boifang ba tlaa mpona, ba itumela; gonne ke solofetse mo lefokong la gago.
75Ke a itse Jehofa, fa dikatlholo tsa gago di le tshiamo, le gore o nkutlwisitse botlhoko e le ka go ntshiamisa.
76Ke a go rapela, a ko o mme mapelonomi a gago a lorato a nne kgomotso ya me, ka fa lefokong la gago mo motlhankeng wa gago.
77A mautlwelobotlhoko a manana a gago a tle mo go nna, gore ke tshele; gonne molao wa gago ke mo go njesang monate.
78A ba ba pelompe ba tlhajwe ke ditlhong, gonne ba ntigile ka mo go sa siamang; mme nna, ke tlaa tlhatlhanya dikaelo tsa gago.
79A ba ba go boifang ba sokologele mo go nna, mme ba tlaa itse ditshupo tsa gago.
80A pelo ya me e itekanele mo ditaong tsa gago; gore ke se ka ka tlhajwa ke ditlhong. Kaf
81Mowa wa me o idibalela poloka ya gago, mme ke solofetse mo lefokong la gago.
82Matlho a me a lapela lefoko la gago, ka ke ntse ke re: “O tlaa nkgomotsa leng?”
83Gonne ke ntse jaaka sekoo mo mosing fela; le fa go ntse jalo ga ke lebale ditao tsa gago.
84Ana malatsi a motlhanka wa gago ke a le kaye? O tlaa dirafatsa katlholo leng mo go ba ba mpogisang?
85Ba ba pelompe ba nkepetse mamena, e bong bone ba ba sa nnang ka fa molaong wa gago.
86Ditaolo tsa gago tsotlhe di boikanngo; ba mpogisa ka mo go sa siamang; wena, a ko o nthuse.
87Ba batlile go nja ba ntshwetsa mo lefatsheng; mme ga ke a ka ka tlogela dikaelo tsa gago.
88Ntsitsibosa ka fa mapelonoming a gago; jalo ke tlaa tlhokomela tshupo ya molomo wa gago. Lamed
89Jehofa, lefoko la gago le nnetse ruri ka bosakhutleng mo legodimong.
90Boikanngo jwa gago bo fitlha mo tshikatshikeng; o tlhomamisitse lefatshe, mme le ntse.
91Di ntse le gompieno ka fa ditaolelong tsa gago; gonne dilo tsotlhe ke batlhanka ba gago.
92Fa molao wa gago o ka bo o se ka wa nna boitumelo jwa me, nka bo ke nyeletse mo pitlaganong ya me.
93Ga nketla ke lebala dikaelo tsa gago gope; gonne o ntsitsibositse ka tsone.
94Ke wa gago, o mpoloke; gonne ke batlile dikaelo tsa gago.
95Baikepi ba ntaletse gore ba tle ba ntshenye, mme ke tlaa tlhatlhanya ditshupo tsa gago.
96Ke bonye bokhutlo jwa boitekanelo jotlhe; mme taolo ya gago e atlhame thata. Mem
97Ana ke rata molao wa gago jang! Ke one go tlhatlhanya ga me ka letsatsi lotlhe.
98Ditaolo tsa gago di ntlhalefisa go gaisa baba ba me; gonne di nna le nna ka gale.
99Ke na le tlhaloganyo go gaisa baruti botlhe ba me; gonne ditshupo tsa gago ke tsone tlhatlhanyo ya me.
100Ke tlhaloganya bogolo go batsofe, gonne ke bolokile dikaelo tsa gago.
101Ke thibile dinao tsa me mo ditseleng tsotlhe tse di bosula, gore ke tle ke tlhokomele lefoko la gago.
102Ga ke a fapoga dikatlholo tsa gago; gonne o nthutile.
103Ana mafoko a gago a botshe jang mo magalapeng a me; ee, a gaisa dinotshe mo molomong wa me.
104Ke bona tlhaloganyo ka dikaelo tsa gago; ke gone ka moo ke ilang mokgwa mongwe le mongwe wa phoro. Nun
105Lefoko la gago ke lobone lwa dinao tsa me, le lesedi la tsela ya me.
106Ke ikanne, mme ke go tlhomamisitse, gore ke tlaa tlhokomela dikatlholo tsa gago tse di siameng.
107Ke utlwisitswe botlhoko thata; ntsitsibosa Jehofa, ka fa lefokong la gago.
108Ke a go rapela, Jehofa, a ko o amogele ditshupelo tsa molomo wa me, tse di leng tsa peleego, mme o nthute dikatlholo tsa gago.
109Mowa wa me o ntse o le mo seatleng sa me fela ka gale; le fa go ntse jalo ga ke lebale molao wa gago.
110Baikepi ba nthaetse ka seru; le fa go ntse jalo ga ke a ka ka timelwa ke dikaelo tsa gago.
111Ditshupo tsa gago ke di tseile go nna boswa ka bosakhutleng; gonne tsone, ke boipelo jwa pelo ya me.
112Ke sokololetse pelo ya me kwa go direng ditao tsa gago ka bosakhutleng, e leng go ya kwa bokhutlong. Samek
113Ke ila ba ba maitlhomo mabedi, mme molao wa gago one ke a o rata.
114O boitshubelo jwa me, le thebe ya me; ke solofetse mo lefokong la gago.
115Ntlogelang, lona badira bosula, gore ke boloke ditaolo tsa Modimo wa me.
116Nkokotletsa ka fa lefokong la gago, gore ke tshele; a ke se ka ka tlhabisiwa ditlhong ke tsholofelo ya me.
117Ntshegetsa, mme ke tlaa bolokesega; le ditao tsa gago ke tlaa di tsaya tsia ka gale.
118O nyaditse botlhe ba ba timelwang ke ditao tsa gago; gonne tsietso ya bone ke maaka fela.
119O a tle o latlhe baikepi botlhe ba lefatshe jaaka manyelo; ke gone ka mo ke ratang ditshupo tsa gago.
120Nama ya me e roromisiwa ke go go boifa; ke bile ke tshaba dikatlholo tsa gago. Ayin
121Ke dirile katlholo le tshiamiso; se ntlogele mo bapatiking ba me.
122O nne moemedi wa molemo mo boemong jwa motlhanka wa gago; a ba ba bopelompe ba se mpatike.
123Matlho a me a lapela poloka ya gago, le lefoko la gago la tshiamo.
124Direla motlhanka wa gago ka fa boutlwelongbotlhoko jwa gago, o nthute ditao tsa gago.
125Ke motlhanka wa gago, nnaya tlhaloganyo, gore ke tle ke itse ditshupo tsa gago.
126Ke lobaka lwa ga Jehofa go dira; gonne ba thatholotse molao wa gago.
127Ke gone ka moo ke ratang ditaolo tsa gago bogolo go gouta, ee, bogolo go gouta e e itshekileng.
128Ke gone ka moo ke kayang dikaelo tsa gago tsotlhe ka ga dilo tsotlhe, gore di tshiamo; mme ke ila mokgwa mongwe le mongwe wa phoro. Pe
129Ditshupo tsa gago di a gakgamatsa; ke gone ka moo mowa wa me o di bolokang.
130Go bolelesega ga mafoko a gago go a senola; go tle go neye ba ba sa tlhalefang tlhaloganyo.
131Ka momolola molomo wa me, mme ka fegelwa; gonne ke ne ke tlhologeletswe ditaolo tsa gago.
132Sokologela mo go nna, o nkutlwele botlhoko, jaaka o ne o ntse o tle o direle ba ba ratang leina la gago.
133Rulaganya dikgato tsa me mo lefokong la gago; a go se nne boikepo bope jo bo tlaa nnang le taolo mo go nna.
134Nthekolola mo patikong ya motho; jalo ke tlaa tlhokomela dikaelo tsa gago.
135Phatsimisetsa motlhanka wa gago sefatlhogo sa gago; o bo o nthute ditao tsa gago.
136Dinoka tsa metsi di ela mo matlhong a me, ka gobo ba sa tlhokomele molao wa gago. Tsade
137O tshiamo, wena, Jehofa; le dikatlholo tsa gago di thokgame.
138Ditshupo tsa gago o di laotse mo tshiamong le boikanngo tota.
139Tlhoafalo ya me e njele ya mphetsa, gonne baganetsi ba me ba lebetse mafoko a gago.
140Lefoko la gago le itshekile thata; ke gone ka moo motlhanka wa gago o le ratang.
141Ke monnye, ke bile ke a nyatsega; le fa go ntse jalo ga ke lebale ditao tsa gago.
142Tshiamo ya gago ke tshiamo e e sa khutleng, le molao wa gago ke boammaaruri.
143phuduego e ntshwere, le tlalelo e e mahehe; le fa go ntse jalo ditaolo tsa gago ke natefelo ya me.
144Ditshupo tsa gago di tshiamo ka bosakhutleng; nnaya tlhaloganyo, mme ke tlaa tshela. Kof
145Ke biditse ka pelo ya me yotlhe; nkaraba Jehofa; ke tlaa boloka ditao tsa gago.
146Ke bileditse koo go wena; mpoloka, mme ke tlaa tlhokomela ditshupo tsa gago.
147Ka raka mahube a moso, ka goa; ka solofela mo mafokong a gago.
148Matlho a me a ne a raka ditebeledi tsa bosigo, gore ke tle ke tlhatlhanye lefoko la gago.
149Utlwa lentswe la me ka fa bopelonoming jwa gago jwa lorato; o ntsitsibose Jehofa, ka fa dikatlholong tsa gago.
150Ba ba latelang boikepo ba a atamela; ba kgakala le molao wa gago.
151Wena o gaufi Jehofa; ditaolo tsotlhe tsa gago di boammaaruri.
152Ke sa le ke itse bogologolo ka ditshupo tsa gago, fa o di tlhometse bosakhutleng. Resh
153Gopola patikego ya me, mme o nkgolole; gonne ga ke lebale molao wa gago.
154Mpuelela mo kgannyeng ya me, o bo o nthekolole; ntsitsibosa ka fa lefokong la gago.
155Poloko e kgakala le baikepi; gonne ga ba batle ditao tsa gago.
156Mautlwelobotlhoko a manana a gago a magolo, Jehofa; ntsitsibosa ka fa dikatlholong tsa gago.
157Ba bantsi babogisi ba me, le baganetsi ba me; le fa go ntse jalo ga ke a ngosela mo ditshupong tsa gago.
158Ke ne ka leba ba ba dirang ka koko, mme ka utlwa botlhoko ka ba sa tlhokomele lefoko la gago.
159A ko o gopole ka fa ke ratang dikaelo tsa gago ka gone; ntsitsibosa Jehofa, ka fa bopelonoming jwa gago jwa lorato.
160Tshobokano ya lefoko la gago ke boammaaruri; nngwe le nngwe ya dikatlholo tsa gago tse di siameng, e eme ka bosakhutleng. Shin
161Dikgosana di mpogisitse ka bomo; mme pelo ya me e eme mo go sisimogeng lefoko la gago.
162Ke itumela ka lefoko la gago, jaaka motho yo o bonang thopo e kgolo.
163Ke ila maaka, a mphedisa pelo ruri; molao wa gago ke a o rata.
164Ke tle ke go bake gasupa ka letsatsi, ka ntlha ya dikatlholo tsa gago tse di siameng.
165Ba ba ratang molao wa gago ba na le kagiso e kgolo; ga ba na go kgopiwa gope.
166Jehofa, ke ntse ke solofetse poloka ya gago, mme ke dirile ditaolo tsa gago.
167Mowa wa me o tlhokometse ditshupo tsa gago; ke di rata segolo thata.
168Ke tlhokometse dikaelo tsa gago, le ditshupo tsa gago; gonne mekgwa yotlhe ya me e fa pele ga gago. Tau
169A go goa ga me go atamele fa pele ga gago Jehofa; nnaya tlhaloganyo ka fa lefokong la gago.
170A mekokotlelo ya me e fitlhe fa pele ga gago; nkgolola ka fa lefokong la gago.
171A dipounama tsa me di bue pako; gonne o nthuta ditao tsa gago.
172A loleme lwa me lo opele lefoko la gago; gonne ditaolo tsotlhe tsa gago di tshiamo.
173A seatla sa gago se iketleeletse go nthusa; gonne ke itshenketse dikaelo tsa gago.
174Ke tlhologeletswe poloka ya gago, Jehofa; molao wa gago ke o o njesang monate.
175A mowa wa me o tshele, mme o tlaa go baka; le dikatlholo tsa gago di ntshuse.
176Ke timetse jaaka nku e e ileng le naga; batla motlhanka wa gago; gonne ga ke lebale ditaolo tsa gago.