Tswana 1992 Bible - 7 verses
1E rile ke le mo pitlaganong ka tlhaeleletsa kwa go Jehofa, mme a nkaraba.
2Jehofa, golola mowa wa me mo dipounameng tse di akang, le mo lolemeng lo lo boferefere.
3Wena loleme lo lo boferefere, o tlaa newa eng? Kgotsa o tlaa dirwa eng gape?
4Metswi e e bogale ya ba ba dinatla, e na le magala a mokala.
5A bo go latlhega nna, ka ke jakile mo MeΕ‘eke, ka ke agile mo megopeng ya Ketare.
6Mowa wa me ga o bolo go aga le ene yo o ilang kagiso.
7Nna ke rata kagiso; mme fa ke bua, bone ba rata ntwa fela.