Tswana 1992 Bible - 8 verses
1Thusa Jehofa; gonne mmoifa Modimo o a khutla; gonne ba ba ikanyegang ba a tlhaela mo baneng ba batho.
2Ba bua boithamako, mongwe le mongwe le wa ga gabo; ba bua ka dipounama tse di hakang le ka pelo e e leng pedi.
3Jehofa o tlaa kgaola dipounama tsotlhe tse di hakang, e bong loleme lo lo buang dilo tse dikgolo;
4ba ba rileng: βRe tlaa fenya ka loleme lwa rona; dipounama ke tsa rona fela; e mang yo e leng morena godimo ga rona?β
5βJaanong, ke tlaa tloga ke tsogela kgapelo ya bahumanegi, le phegelo ya batlhoki,β go bua Jehofa; βmme ene yo ba mo budulang ke tlaa mmaya mo polokegong.β
6Mafoko a ga Jehofa ke mafoko a a itshekileng; a ntse jaaka selefera se se lekilweng mo boubelong mo mmung, se itshekisitswe ga supa.
7Wena, Jehofa o tlaa ba boloka, o tlaa ba dibela mo losikeng lo ka bosakhutleng.
8Baikepi ba tsamayatsamaya ka ntlha tsotlhe mogang bomaswe bo godisiwang mo baneng ba batho.