Tswana 1992 Bible - 7 verses
1Ke ikanya mo go Jehofa; ana lo raya mowa wa me jang, lo re: โTshabela kwa thabeng ya lona jaaka dinonyane?
2Gonne bonang, aitse baikepi ba oba bora, ba laela motswi wa bone mo mogaleng wa bora, gore ba tle ba re ba le mo lefifing ba hule ba ba pelo di thokgameng.
3E a re fa metheo e senngwa, mosiami o ka dirangโ?
4Jehofa o mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo; Jehofa, setulo sa gagwe sa bogosi se mo legodimong; matlho a gagwe a lebile bana ba batho, dintshi tsa gagwe tsa matlho di a ba leka.
5Jehofa o leka basiami; moikepi le yo o ratang go thubaka, mowa wa gagwe o a ba ila.
6O tlaa nesetsa baikepi meoko; molelo le sulefura, le phefo e e fisang, dilo tse, e tlaa nna senwelo sa bone se ba se abetsweng.
7Gonne Jehofa o siame; o rata tshiamo; bathokgami ba tlaa bona sefatlhogo sa gagwe.