Tswana 1992 Bible - 6 verses
1E rile Jehofa a ba a busa botshwaro jwa Sione, ra nna jaaka ba ba lorang.
2Foo molomo wa rona wa tlala setshego, le loleme lwa rona lwa tlala go opela; foo ba bua mo merafeng, ba re: โJehofa o ba diretse dilo tse dikgolo.โ
3Jehofa o re diretse dilo tse dikgolo, tse re di itumelelang.
4Ba o buse botshwaro jwa rona, Jehofa, jaaka dinokana tsa kwa Borwa.
5Ba ba jalang ka dikeledi ba tlaa roba ka boitumelo.
6Le fa motho a ka tswa a tsamaya a ntse a lela, mme a tshotse peo, o tlaa ba a tla gape, dingata tsa gagwe a na natso.