Tswana 1992 Bible - 5 verses
1Fa Jehofa a sa age ntlo, ba ba e agang ba direla lefela; fa Jehofa a sa dise motse, molebedi o tsogela lefela fela.
2Ke lefela fela mo go lona fa lo tsoga ka maphakela, lo ba lo ya go robala go le bosigo thata, lo ba lo ja dijo tsa letsapa; gonne o naya baratwana ba gagwe boroko jalo.
3Bona, bana ke boswa jwa Jehofa; le loungo lwa sebopelo ke tuelo ya gagwe.
4Jaaka metswi mo seatleng sa monna yo o senatla, banna ba bokau ba ntse jalo.
5Go sego monna yo mokotlopo wa gagwe o ba tletseng; ba tlaa re ba bua le baba fa kgorong, ba se ke ba tlhajwe ke ditlhong.