Tswana 1992 Bible - 8 verses
1Ke rile ke le mo matennyeng ka goela koo go wena Jehofa.
2Morena, utlwa lentswe la me; a ditsebe tsa gago di akele lentswe la mekokotlelo ya me.
3Jehofa, fa o ka bo o ne wa lotolotsa maikepo, go ka bo go ema mang, Morena?
4Go na le boitshwarelo mo go wena, gore o tle o boifiwe.
5Ke lebeletse Jehofa, mowa wa me o lebeletse fela, mme ke solofetse mo lefokong la gagwe.
6Mowa wa me o lebeletse Morena bogolo go fa balebedi ba lebelela mahube a moso; ee, bogolo go balebedi ba mahube a moso.
7Iseraele, solofela mo go Jehofa; gonne mo go Jehofa go na le boutlwelobotlhoko; e bile mo go ene go na le thekololo e e letlotlo fela.
8O tlaa rekolola Iseraele mo maikepong otlhe a gagwe.