Tswana 1992 Bible - 9 verses
1E rile re le fa dinokeng tsa Babilone, ra dula gone, ee, ra lela, ka re gakologelwa Sione.
2Ra pega diharepe tsa rona mo madubunokeng a a fa gare ga tsone.
3Gonne ba ba re isitseng gone re le ditshwarwa ba re: Re opele; le ba ba re swafaditseng ba re raya ba re: Re dire mokete; ba re: βRe opelele sengwe sa difela tsa Sione.β
4Kana, re ka opela jang sefela sa ga Jehofa mo lefatsheng la seeng?
5A e re fa nka go lebala, wena Jerusalema, a seatla sa me se segolo se lebale maatlametlo a sone.
6A loleme lwa me lo ngaparele magalapa a me, fa ke sa go gopole, fa ke sa godise Jerusalema godimo ga boitumelo jwa me jo bogolo.
7Jehofa, a ko o gopole motlha wa Jerusalema, o sekise bana ba Etome ka ga one, ba ba rileng: βO rutleng, o rutleleng go fitlha kwa motheong wa one.β
8Ao! Wena morwadia Babilone, o na le go senngwa fela; go tlaa nna sego ene yo o tlaa go duelang fela jaaka o diretse rona.
9Go tlaa nna sego ene yo o tlaa tsayang dirathana tsa gago a di phatlakanya mo lefikeng.