Tswana 1992 Bible - 8 verses
1Ke tlaa go ntshetsa malebogo ka pelo yotlhe ya me; fa pele ga medimo ke tlaa go opelela dipako.
2Ke tlaa obama ke lebile tempele ya gago e e boitshepo, ke tlaa ntshetsa leina la gago malebogo ka ntlha ya mapelonomi a gago a lorato, le ka ntlha ya boammaaruri jwa gago; gonne o godiseditse lefoko la gago godimo ga leina la gago lotlhe fela.
3E rile mo letsatsing le ke biditseng ka lone, wa nkaraba, wa nnonofisa ka thata mo moeng wa me.
4Dikgosi tsotlhe tsa lefatshe di tlaa go ntshetsa malebogo, Jehofa, gonne di utlwile mafoko a molomo wa gago.
5Ee, di tlaa opela ka ga ditsela tsa ga Jehofa; gonne kgalelelo ya ga Jehofa e kgolo.
6Gonne le fa Jehofa a le godimo, le fa go ntse jalo, o tsaya tsia bangotlegi; mme baipegi o ba itsetse kgakala fela.
7Le fa ke tsamaya mo gare ga tlalelo, o tlaa nthudisa; kgakalo ya baba ba me o tlaa e otlololela letsogo la gago, le seatla sa gago se segolo se tlaa mpoloka.
8Jehofa o tlaa ntshweletsa se se leng ka ga me; boutlwelobotlhoko jwa gago, Jehofa, bo eme ka bosakhutleng; se tlhoboge ditiro tse e leng tsa diatla tsa gago tota.