Tswana 1992 Bible - 7 verses
1Seeleele mo pelong ya sone se rile: “Ga go na Modimo ope.” Ba bodile, ba dirile ditiro tse di maswe thata; ga go na ope yo o dirang molemo.
2Jehofa o ne a okomela bana ba batho a le kwa legodimong, gore a tle a bone boo go na le bangwe ba ba tlhaloganyang, ba batla Modimo.
3Ba fapogile botlhe fela; ba leswefetse mmogo; ga go na ope yo o dirang molemo, nnyaa, le fa e le yo mongwe fela.
4Botlhe ba ba dirang boikepo a ga ba na kitso? Ba ba jang batho ba me ba ba swetsa jaaka ba a ja bogobe, mme ba sa bitse Jehofa.
5Foo ba ne ba le mo poifong e kgolo; ka gobo Modimo o mo losikeng lwa basiami.
6Lo tlhabisa kgakololo ya mohumanegi ditlhong; mme Jehofa ke botshabelo jwa gagwe.
7A bo poloko ya Iseraele e ka bo e tsile e tswa kwa Sione! E tlaa re motlhang Jehofa o busang botshwaro jwa batho ba gagwe, foo Jakobe o tlaa itumela le Iseraele o tlaa ipela.