Tswana 1992 Bible - 5 verses
1Jehofa, e mang yo o tlaa tlholatlholang mo motlaaganeng wa gago? E mang yo o tlaa agang mo thabaneng ya gago e e boitshepo?
2Ke motho yo o tsamayang ka thokgamo, a dira tshiamo, a bile a bua boammaaruri mo pelong ya gagwe.
3Yo o sa pateletseng ka loleme lwa gagwe, le fa e le go direla tsala ya gagwe bosula, le fa e le go amogela kgobo ka ga wa ga gabo.
4Yo setlhobogwana se nyatsegang mo matlhong a gagwe; mme o tlotla bone ba ba boifang Jehofa. Yo e a reng a ikutlwisitse botlhoko ka go ikana ga gagwe, a se ke a fetoge.
5Yo o sa neeleleng madi a gagwe gore a okediwe, le fa e le go amogela tuelo go tlhokofatsa yo o se nang molato. Yo o dirang dilo tse ga a ketla a tshikinyega gope.