Tswana 1992 Bible - 6 verses
1Bakang Jehofa. Lo bakeng Modimo mo felong ga one ga boitshepo, o bakeng mo phuthologong ya thata ya one.
2O bakeleng ditiro tsa one tsa bonatla; o bakeng ka fa bogolong jwa one jo bo gaisang.
3O bakeng ka tumo ya lonaka; o bakeng ka saletare le harepe.
4O bakeng ka moropana le ka go bina; o bakeng ka diletso tse di megala le ka ditlhaka.
5O bakeng ka disemebala tse di tumo kgolo; o bakeng ka disemebala tse di dumang ka lentswe le le kwa godimo.
6A dilo tsotlhe fela tse di nang le mowa di bake Jehofa. Bakang Jehofa.