Tswana 1992 Bible - 12 verses
1Ana merafe e šakgaletseng, le ditšhaba di tlhatlhanyetsang selo sa boithamako?
2Dikgosi tsa lefatshe di a ikemisa, le balaodi ba logisanya maano, ka ga Jehofa, le ka Motlodiwa wa gagwe, ba re:
3“A re kgaoleng dithapo tsa bone, le megala ya bone re e latlhe mo go rona.”
4Ene yo o dutseng mo magodimong o tlaa tshega; Jehofa o tlaa ba sotla.
5Ke gone foo o tlaa buang nabo ka bogale jwa gagwe jo bogolo, o tlaa ba rema marapo ka bogale jwa gagwe jo bo tukang:
6“Le fa go ntse jalo ke tlhomile kgosi ya me mo thabeng ya me e e boitshepo ya Sione.”
7Ke tlaa bolela ka ga taolo; Jehofa o ntheile a re: “O morwaake; ka tsatsi leno ke go tsetse.
8Ntopa, mme ke tlaa go naya merafe go nna boswa jwa gago, le dikhutlo tsa lefatshe go nna thuo ya gago.
9O tlaa ba thubakanya ka tsamma ya tshipi; o tlaa ba phatlakanya jaaka sejana sa mmopi.”
10Ke gone jaana tlhalefang, lona dikgosi; lo rutege, lona baatlhodi ba lefatshe.
11Direlang Jehofa ka poifo, mme lo itumele ka tlakaselo.
12Atlang morwa, gore e se re gongwe a galefa, mme lwa nyelela mo tseleng, gonne bogale jwa gagwe bo tlaa akofa bo tuka. Go sego bone botlhe ba ba mo ikanyang.