Tswana 1992 Bible - 8 verses
1Jehofa, ana baganetsi ba me ba ntsifetse jang! Bone ba ba ntsogologelang ba bantsi.
2Ba bantsi ba ba buang ka ga mowa wa me ba re: “Ga a na go thusiwa gope ke Modimo.” Sela.
3Wena Jehofa, o thebe ka ntlha tsotlhe tsa me; o kgalalelo ya me le motsholetsa tlhogo ya me.
4Ke tle ke bitse Jehofa ka lentswe la me, mme a nkarabe a le mo thabaneng ya gagwe e e boitshepo. Sela.
5Ka rapama, mme ka robala; ka tsoga; ka go bo Jehofa o a nkokotletsa.
6Ga nketla ke boifa makgolokgolo a batho ba ba inkemiseditseng ka ntlha tsotlhe.
7Tloga o eme, Jehofa; o mpoloke, Modimo wa me; gonne o iteile baba ba me botlhe lesama; o robile meno a baikepi.
8Poloka ke ya ga Jehofa; tshegofatso ya gago a e nne mo bathong ba gago. Sela.