Tswana 1992 Bible - 9 verses
1A Jehofa a go arabe mo letsatsing la khuduego; a leina la Modimo wa ga Jakobe le go beye kwa godimo;
2a a go isetse thuso e e tswang felong ga boitshepo, a be a go kokotletse a le mo Sione;
3a a gakologelwe ditshupelo tsotlhe tsa gago, a be a amogele setlhabelo sa gago sa phiso. Sela.
4A a go neye keletso ya pelo ya gago, mme a dirafatse kgakololo yotlhe ya gago.
5Re tlaa jela poloka ya gago koma, re tlaa fokisa mekgele ya rona mo ineng la Modimo wa rona; a Jehofa a dirafatse ditopo tsotlhe tsa gago.
6Jaanong ke a itse fa Jehofa a boloka motlodiwa wa gagwe; o tlaa mo fetola a le kwa legodimong la gagwe le le boitshepo, ka thata e e bolokang ya letsogo la gagwe le legolo.
7Bangwe ba ikanya dikara tsa tlhabano, ba bangwe dipitse fela; mme rona re tlaa nna re umaka leina la ga Jehofa, Modimo wa rona.
8Bone ba obame ba ole; mme rona re tsogile, re eme re thokgame.
9Jehofa, boloka: a Kgosi e re arabe mogang re bitsang.