Tswana 1992 Bible - 14 verses
1Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; phuthologo le yone e supa tiro ya diatla tsa one.
2Letsatsi le tlhomaganya puo le letsatsi le lengwe, bosigo bo tlhomaganya tshupo ya kitso le bosigo jo bongwe.
3Ga go na puo le fa e le loleme; lentswe la one ga le ka ke la utlwiwa.
4Thapo ya one e e lekanyang e ile go ralala lefatshe lotlhe, le mafoko a one a ile kwa bokhutlong jwa lefatshe. O tlhometse letsatsi motlaagana mo go one.
5Le ntse jaaka monyadi fa a tswa mo borobalong jwa gagwe, le ba le itumela jaaka monna yo o thata fa a siana mo tshianong ya gagwe.
6Go tswa ga lone go simologe kwa bokhutlong jwa legodimo, go dikologa ga lone go ye kwa dikhutlong tsa gone; mme ga go na sepe se se fitlhegetseng mogote wa lone.
7Molao wa ga Jehofa o itekanetse, o rudisa mowa; tshupo ya ga Jehofa e tlhomamo, e tlhalefisa ba ba sa tlhalefang.
8Ditao tsa ga Jehofa di siame, di itumedisa pelo; taolo ya ga Jehofa e itshekile, e tsenya matlho lesedi.
9Poifo ya ga Jehofa e ntle, e ntse ka bosakhutleng; dikatlholo tsa ga Jehofa di boammaaruri, di siame fela gotlhe.
10Di eletsega bogolo go gouta, ee, bogolo go gouta e ntsi, e e bontle bogolo; di bile di botshe bogolo go dinotshe, le bogolo go lomepa lwa dinotshe.
11Le gone gape motlhanka wa gago o tlhagisiwa ke tsone; mo go di tshegetseng go tuelo e kgolo.
12E mang yo o ka lemogang ditimelo tsa gagwe? A ko o ntlose melato e e fitlhegileng.
13O bo o kganele motlhanka wa gago mo maleong a boitaletso; a a se nne le taolo mo go nna; foo ke tlaa nna boitekanelo, ke tlaa bo ke se molato wa tlolo e kgolo.
14A mafoko a molomo wa me, le go akanya ga pelo ya me, go nne tebosego mo ponong ya gago, Jehofa, lefika la me le morekolodi wa me.