Tswana 1992 Bible - 10 verses
1Lefatshe ke la ga Jehofa, le botlalo jwa lone; lefatshe le ba ba agileng mo go lone.
2Ka gobo o le theile mo mawatleng, o le tlhomamisitse mo merwaleleng.
3E mang yo o tlaa tlhatlogelang mo thabaneng ya ga Jehofa? Mme mang yo o tlaa emang mo felong ga gagwe ga boitshepo?
4Ke yo o diatla dintle le pelo e e itshekileng; yo o se kang a tsholeletsa mowa wa gagwe kwa boithamakong, mme a sa ikana ka go tsietsa.
5Ene o tlaa amogela letlhogonolo mo go Jehofa, le tshiamo mo Modimong wa poloko ya gagwe.
6Lo, ke lone losika lwa ba ba o senkang, ba ba senkang sefatlhogo sa gago, Modimo wa ga Jakobe. Sela.
7Tsholetsang ditlhogo, lona dikgoro; tsholetsegang lona mejako e e sa leng e nna go tswa tsose; mme Kgosi ya kgalalelo e tlaa tsena.
8Kgosi ya kgalalelo e mang? Ke Jehofa yo o thata, yo o bonatla, Jehofa yo o bonatla mo ntweng.
9Tsholetsang ditlhogo, lona dikgoro; ee, lo di tsholetse, lona mejako e e ntseng ka bosakhutleng; mme Kgosi ya kgalalelo e tlaa tsena.
10Kgosi eo ya kgalalelo ke mang? Jehofa wa masomosomo, ke ene Kgosi ya kgalalelo. Sela.