Tswana 1992 Bible - 22 verses
1Ke tsholeletsa mowa wa me kwa go wena, Jehofa.
2Modimo wa me, ke ikantse mo go wena, a ke se tlhajwe ke ditlhong, a baba ba me ba se njele koma.
3Ee, mo go bone ba ba go lebeletseng, ga go na ope yo o tlaa tlhajwang ke ditlhong; go tlaa tlhajwa ke ditlhong bone ba ba dirang ka mooko ka bomo.
4Ntshupetsa metlhala ya gago Jehofa; o nthute ditsela tsa gago.
5Ntsamaisa mo boammaaruring jwa gago o bo o nthute; gonne ke wena Modimo wa poloko ya me; ke lebelela mo go wena ka letsatsi lotlhe.
6Jehofa, gakologelwa mautlwelobotlhoko a gago a manana, le mapelonomi a gago a lorato; gonne a ntse a le gone e sa le bogologolo.
7O se ka wa gakologelwa maleo a jale ke sa le lekau, le fa e le ditlolo tsa me; o nkgakologelwe ka fa bopelonoming jwa gago jwa lorato, ka ntlha ya molemo wa gago Jehofa.
8Jehofa o molemo le thokgamo; ke gone ka moo o tlaa rutang baleofi ka ga tsela.
9Ba ba pelonolo o tlaa ba tsamaisa mo tshiamisong; ba ba pelonolo o tlaa ba ruta tsela ya gagwe.
10Ditsela tsotlhe tsa ga Jehofa di bopelonomi jwa lorato le boammaaruri fela mo go bone ba ba bolokang kgolagano ya gagwe le ditshupo tsa gagwe.
11Ka ntlha ya leina la gago Jehofa, o tle o itshwarele boikepo jwa me, gonne bo bogolo.
12Motho ke ofe yo o boifang Jehofa? Ke ene o tlaa mo rutang mo tseleng e o tlaa e itshenkelang.
13Mowa wa gagwe o tlaa aga o iketlile; losika lwa gagwe lo tlaa rua lefatshe.
14Maoma a ga Jehofa a na le ba ba mmoifang; mme o tlaa ba supetsa kgolagano ya gagwe.
15Matlho a me a ntse a lebile Jehofa fela ka gale; gonne o tlaa phamola dinao tsa me mo lotloeng.
16Retologela kwa go nna, o nkutlwele botlhoko; gonne ke swafetse, ke patikegile.
17Dikhuduego tsa pelo ya me di goletse pele; a o ko o nntshe mo dipitlaganong tsa me.
18Sekaseka patikego ya me le thekisego ya me; mme o itshwarele maleo a me otlhe.
19Sekaseka baba ba me, gonne ba bantsi; ba nkila ka kilo e e bolalome.
20A ko o dibele mowa wa me, mme o nkgolole; a ke se ka ka tlhajwa ke ditlhong, gonne ke ikanya mo go wena.
21A botlhoka molato le thokgamo di mpoloke, gonne ke lebeletse mo go wena.
22Modimo, golola Iseraele, o mo ntshe mo dikhuduegong tsotlhe tsa gagwe.