Tswana 1992 Bible - 24 verses
1Jehofa, ke ikanya mo go wena; a ke se lesiwe ka tlhajwa ke ditlhong gope; o nkgolole o le mo tshiamong ya gago.
2Ntlhwaela tsebe; o nkgolole ka bonako; o nne lefika le le thata mo go nna, ntlo ya phemelo go mpoloka.
3Gonne wena o lefika la me, le kago ya me ya phemelo; ke gone ka ntlha ya leina la gago, o nkgoge, o bo o ntsamaise.
4Mphamola mo lotloeng lo ba lo mpeetseng ka bosaitsiweng, gonne ke wena kago ya me ya phemelo.
5Ke tsenya mowa wa me mo seatleng sa gago; O nthekoletse, Jehofa, wena Modimo wa boammaaruri.
6Ke a ba ila ba ba tlhokomelang maithamako a maaka; mme ke ikanya mo go Jehofa.
7Ke tlaa itumela, ke ipela mo boutlwelongbotlhoko jwa gago, gonne o bonye patikego ya me; o itsile mowa wa me o tshwerwe ke mathata.
8Ga o a ka wa nkhupareletsa mo seatleng sa mmaba; o tlhomile dinao tsa me fa go atlhameng.
9Nkutlwela botlhoko, Jehofa, gonne ke mo khutsafalong; leitlho la me le fediwa ke bohutsana, ee, mowa wa me le mmele wa me.
10Gonne botshelo jwa me bo feletse mo khutsafalong, le dinyaga tsa me mo go fegelweng; thata ya me e a fela ka ntlha ya boikepo jwa me, marapo a me le one a a nyelela.
11Ke tsile ka nna sekgobo ka ntlha ya baba botlhe ba me, ee, mo go bagaetsho ga fetelela, ke poitshego mo go ba ke itsanyeng nabo; ba ba kileng ba mpona fa ntle ba ne ba ntshaba.
12Ke lebetswe jaaka moswi yo o sa tlholeng a gopolwa; ke ntse jaaka nkgwana e e thubegileng.
13Gonne ke utlwile go gobolola ga batho ba le bantsi, go poitsho ka ntlha tsotlhe; ka ba gakololana mmogo ka ga me, ba loga maano a go mpolaya.
14Ke ne ka ikanya wena, Jehofa; ka re: O Modimo wa me.
15Dipaka tsa me di mo seatleng sa gago; nkgolola mo seatleng sa baba ba me, le mo go ba ba mpogisang.
16Phatsimisetsa motlhanka wa gago sefatlhogo sa gago; mpoloka mo bopelonoming jwa gago jwa lorato.
17A ke se tlhajwe ke ditlhong Jehofa; gonne ke go biditse. A baikepi ba tlhajwe ke ditlhong, a ba didimale mo Bobipong.
18A dipounama tse di akang di nne semumu; tse di sotlang basiami ka makgakga, ka boipelafatso le lonyatso.
19Ana molemo wa gago o mogolo jang, o o o beetseng ba ba go boifang, o o o diretseng ba ba ikanyang mo go wena, fa pele ga bana ba batho!
20Mo boiphitlhong jwa sebonalo sa gago o tlaa ba subela ditogamaano tsa batho; o tlaa ba dibela mo kgannyeng ya diteme ka bosaitsiweng mo mogopeng.
21A go bakwe Jehofa; gonne o ntshupeditse bopelonomi jwa gagwe jwa lorato jo bo gakgamatsang mo motseng o o thata.
22Ka ga me, ke rile mo go potlakeng ga me, ka re: “Ke kgaotswe, ke tlositswe fa pele ga matlho a gago.” Le fa go ntse jalo e rile ke go kua, wa utlwa lentswe la mekokotlelo ya me.
23A ko lo rateng Jehofa, lona lotlhe baitshepi ba gagwe: Jehofa o boloka ba ba ikanyegang, mme o duela ka botlalo yo o dirang ka bopelonomi.
24Nnang thata, mme dipelo tsa lona di natlafale, lona lotlhe ba lo solofelang mo go Jehofa.