Tswana 1992 Bible - 12 verses
1Ke tlaa go godisa Jehofa; gonne o ntsholeditse, ga o a ka wa naya baba ba me gore ba itumele ka nna.
2Jehofa, Modimo wa me, ke go ikuetse, mme o mphodisitse.
3Jehofa, o tlhatlositse mowa wa me mo Bobipong; o ntse o ntshedisitse gore ke se ka ka fologela mo moleteng.
4Opelelang Jehofa dipako, lona baitshepi ba gagwe, ntshetsang leina la gagwe le le boitshepo malebogo.
5Gonne bogale jwa gagwe bo ema ka ponyo ya leitlho fela; mo tlhogonolofatsong ya gagwe go botshelo; go ka lala go le selelo bosigo, mme e re ka moso go bo go tle boitumelo.
6Ka ga me, e rile mo go kokotlegeleng ga me, ke buile, ka re: “Ga nketla ke ba ke tshikinyega gope.”
7Wena, Jehofa, ka botsalano jwa gago o tiisitse thaba ya me gore e eme e nne thata; o ne wa iphitlha sefatlhogo; ka fuduega.
8Ka kuela koo go wena, Jehofa; ka isa mekokotlelo kwa go Jehofa.
9“E tlaa re ke fologela mo moleteng, madi a me a tlaa bo a na le molemo ofe? A lorole lo tlaa go baka? A lo tlaa bolela boammaaruri jwa gago?
10Utlwa, Jehofa, o nkutlwele botlhoko; Jehofa a e nne wena mothusi wa me.”
11Selelo sa me o se mphetoletse pino; o nkapotse letsela la kgetse, o ntlamile ka boitumelo;
12e le gore kgalalelo ya me e go opelele pako, mme e se ka ya didimala. Jehofa Modimo wa me, ke tlaa go leboga ka bosakhutleng.