Tswana 1992 Bible - 22 verses
1Itumeleng mo go Jehofa, lona basiami; pako ke bontle jo bo tshwanetseng ba ba thokgameng.
2Ntshetsang Jehofa malebogo ka harepe; lo mo opelele ka saletare se se ditlhale di some.
3Mo opeleleng sefela se seša; letsang ka botswerere, ka modumo o mogolo.
4Gonne lefoko la ga Jehofa le siame; le tiro yotlhe ya gagwe e dirwa mo boikanyegong.
5O rata tshiamo le tshiamiso; lefatshe le tletse lorato lo lo tlhomameng lwa ga Jehofa.
6Magodimo a dirilwe ka lefoko la ga Jehofa; le lesomosomo lotlhe le le mo go one ka mowa wa molomo wa gagwe.
7O kgobokanya metsi a lewatle a nne jaaka mokoa; o beile madiba a a botengteng mo matlong a polokelo.
8A lefatshe lotlhe le boife Jehofa; a banni botlhe ba lefatshe ba mo sisimoge.
9Gonne o ne a bua, mme ga dirala; a laola, mme ga ema ka tlhomamo.
10Jehofa o dira kgakololo ya merafe go nna lefela; o dira megopolo ya ditšhaba go nna e se na tiro.
11Kgakololo ya ga Jehofa e eme ka tlhomamo ka bosenabokhutlo, dikgopolo tsa pelo ya gagwe go ya tshikatshikeng.
12Go sego morafe o Jehofa e leng Modimo wa one; batho ba o ba itshenketseng gore e nne boswa jwa gagwe ka esi.
13Jehofa o okomela a le kwa legodimong; o bona bana botlhe ba batho;
14a le mo felong ga boago jwa gagwe, o ntsha matlho o a digela mo banning ba lefatshe.
15E bong ene yo o bopang dipelo tsa bone botlhe, yo o akanyang ditiro tsotlhe tsa bone.
16Ga go na kgosi epe e e tleng e bolokwe ke bontsi jwa ntwa; motho yo o senatla ga a ke a gololwa ke thata e kgolo.
17Pitse ke selo sa lefela fela go boloka; le gone ga e ketla e falodisa ope ka thata e kgolo ya yone.
18Bonang, leitlho la ga Jehofa le mo go ba ba mmoifang, mo go ba ba solofelang mo boutlwelongbotlhoko jwa gagwe;
19go golola mowa wa bone mo losong, le go ba tshedisa mo mosweleng.
20Mowa wa rona o ntse o lebeletse Jehofa; ke ene thuso ya rona, le thebe ya rona.
21Gonne pelo ya rona e tlaa itumela mo go ene, ka gobo re ikantse mo ineng la gagwe le le boitshepo.
22“Jehofa, a boutlwelobotlhoko jwa gago bo nne mo go rona, fela ka fa re solofetseng mo go wena ka teng.”