Tswana 1992 Bible - 22 verses
1Ke tlaa baka Jehofa ka metlha yotlhe; pako ya gagwe e tlaa nna ka gale mo molomong wa me.
2Mowa wa me o tlaa ipelafatsa mo go Jehofa; ba ba pelonolo ba tlaa go utlwela, mme ba tlaa itumela.
3A ko lo godiseng Jehofa le nna, a re goletseng leina la gagwe mmogo.
4Ka batla Jehofa, mme a nkaraba, a nkgolola mo dipoifong tsa me tsotlhe fela.
5Ba ne ba leba kwa go ene, mme ba sa matlho; difatlhogo tsa bone ga di ketla di sosobagana gope.
6Mohumanegi yo, o ne a bitsa, mme Jehofa a mo utlwa, a mo golola mo ditlalelong tsotlhe tsa gagwe.
7Moengele wa ga Jehofa o thibelela mo ntlheng tsotlhe tsa ba ba mmoifang, mme o a ba golola.
8A ko lo lekeng lo bone fa Jehofa a le molemo; go sego monna yo o mo ikanyang.
9A ko lo boifeng Jehofa, lona baitshepi ba gagwe; gonne ga go na go tlhoka mo go ba ba mmoifang.
10Ditawana di a tle di tlhoke, di bolawe ke tlala; mme ba ba batlang Jehofa bone, ga ba ketla ba tlhoka sepe se se molemo.
11Ntlong lo ntheetseng bana ke lona, ke tlaa lo ruta poifo ya ga Jehofa.
12Ke ofe motho yo o eletsang botshelo, a rata bontsi jwa malatsi, gore a tle a bone molemo?
13O kganele loleme lwa gago mo bosuleng le dipounama tsa gago mo go bueng tsietso.
14Tlogela bosula, mme o dire molemo; batla kagiso, mme o e latelele.
15Matlho a ga Jehofa a mo go ba ba mmoifang, le ditsebe tsa gagwe di kwa go goeng ga bone.
16Sefatlhogo sa ga Jehofa se bifetse ba ba dirang bosula, go nyeletsa go gopolwa ga bone mo lefatsheng.
17Basiami ba ne ba goa, mme Jehofa a utlwa, a ba golola mo ditlalelong tsotlhe tsa bone.
18Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng, o boloka ba ba mowa o o ngomogileng.
19Dipatikego tsa mosiami di dintsi; mme Jehofa o mo golola mo go tsone tsotlhe.
20O boloka marapo otlhe a gagwe; ga go na lepe la one le le robegileng.
21Bosula bo tlaa bolaya moikepi; le ba ba ilang mosiami ba tlaa sekisiwa.
22Jehofa o rekolola mowa wa batlhanka ba gagwe; mo go ba ba mo ikanyang ga go na bape ba ba tlaa bonwang molato.