Tswana 1992 Bible - 22 verses
1Jehofa, a ko o se ka wa nkgalemela ka bogale jwa gago; le gone o se ka wa nkwatlhaya ka bogale jwa gago jo bo tukang.
2Gonne metswi ya gago e tsepame mo go nna, seatla sa gago le sone se nkgateletse mo go botlhoko.
3Ga go na boitekanelo bope mo nameng ya me ka ntlha ya kgakalo ya gago; le gone ga go na go fola gope mo marapong a me ka ntlha ya boleo jwa me.
4Gonne ditshiamololo tsa me di khurumeditse tlhogo ya me, fela jaaka morwalo o o bokete, di a nkimela.
5Dikweneso tsa me di a nkga, di bodile, ka ntlha ya boeleele jwa me.
6Ke a segega, ke bile ke hutaganye thata; ke tlhola ke ntse ke hutsafetse motshegare otlhe.
7Gonne lotheka lwa me lo tletse phisego; ga go na boitekanelo bope mo nameng ya me.
8Ke a idibala, ke tapetegile mo go botlhoko; ke gwetlisitswe ke go tlhoka go ikhutsa ga pelo ya me.
9Morena, keletso ya me yotlhe e fa pele ga gago; le go duma ga me ga go a go fitlhegela.
10Pelo ya me e a tlolatlola, thata ya me e a mphelela; ka ga lesedi la matlho a me, le lone le ntlogetse.
11Barati ba me le ditsala tsa me ba emetse sebetso sa me fa thoko; le ba losika lwa me ba emetse kgakala.
12Le ba ba tsomang botshelo jwa me, ba mpeela dirai; le ba ba batlang go nkutlwisa botlhoko ba bua dilo tsa bosenyi, ba akanya ditsietso ka letsatsi lotlhe.
13Mme nna, jaaka motho yo o bosusu, ga ke utlwe; ke ntse jaaka motho yo o semumu, yo o sa tsweng molomo.
14Ee, ke ntse jaaka motho yo o sa utlweng le yo go se nang dikgalemo mo molomong wa gagwe.
15Gonne ke solofetse mo go wena, Jehofa; o tlaa araba, Morena, Modimo wa me.
16Gonne ke rile: “Ba ka tla ba itumela ka nna; ya re lonao lwa me lo relela, ba inkgodisetsa.”
17Gonne ke a kwetsepela, le bohutsana jwa me bo fa pele ga me ka gale.
18Gonne ke tlaa bolela boikepo jwa me; ke tlaa hutsafalela boleo jwa me.
19Baba ba me bone, ba tlhaga, ba thata; le ba ba nkilang ka go sa siamang ba ntsifetse;
20le ba ba lefelang molemo ka bosula ke baganetsi ba me, ka gobo ke latelela selo se se molemo.
21A ko o se ka wa ntlogela, Jehofa; Modimo, a ko o se nne kgakala le nna.
22A ko o itlhaganelele go nthusa Morena, poloka ya me.