Tswana 1992 Bible - 40 verses
1O se ka wa itshwenya ka ga badirabosula; le gone o se ka wa nna pelotshetlha ka ga ba ba dirang tshiamololo.
2Gonne ba tlaa akofa ba segwa jaaka bojang, ba tlaa swaba jaaka morogo o motala.
3Ikanye Jehofa, o bo o dire molemo; aga mo lefatsheng o latelele boikanngo.
4Le gone o inatefise mo go Jehofa; mme o tlaa go naya dikeletso tsa pelo ya gago.
5Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa; o bo o mo ikanye mme, o tlaa go dirafatsa.
6O tlaa dira gore tshiamo ya gago e tswe jaaka lesedi, le katlholo ya gago jaaka motshegare.
7Itapolose mo go Jehofa, o mo lebelele ka pelotelele; o se ka wa itshwenya ka ga yo o segofalang mo tseleng ya gagwe; ka ntlha ya monna yo o dirafatsang maano a a bosula.
8Bakela bogale, o lese kgakalo; o se ka wa itshwenya, ka go itshwenya go tle go ise kwa bosuleng.
9Gonne badirabosula ba tlaa kgaolwa; mme ba ba lebeletseng mo go Jehofa ba tlaa rua lefatshe.
10Gonne e tlaa re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gone. Ee, o tlaa sekaseka felo ga gagwe ka tlhoafalo, mme ene o tlaa ba a seyo.
11Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.
12Moikepi o logela mosiami maano, mme o mo šenele meno.
13Morena o tlaa mo tshega, ka a bona fa letsatsi la gagwe le atamela.
14Baikepi ba somotse tšhaka, ba bile ba obile bora jwa bone; go tla ba diga bahumanegi le batlhoki le go bolaya ba ba mokgwa o o lolameng.
15Tšhaka ya bone e tlaa tsena mo pelong tsa bone ka bosi, mara a bone le one a tlaa rojwa.
16Bonnye jo mosiami o nang najo bo molemo bogolo go matlotlo a baikepi ba le bantsi.
17Gonne mabogo a baikepi a tlaa rojwa; mme Jehofa o tshegeditse basiami.
18Jehofa o itse malatsi a baitekanedi; boswa jwa bone bo tlaa nna ka bosakhutleng.
19Ga ba ketla ba tlhajwa ke ditlhong mo motlheng wa bosula; mo metlheng ya moswele ba tlaa kgora.
20Baikepi ba tlaa nyelela; baba ba ga Jehofa ba tlaa nna jaaka monono wa mafulo a dikgomo; ba tlaa fela; ba tlaa fela ba kua mosi fela.
21Moikepi o tle a adime, mme a se ke a buse; mme mosiami o dira ka pelotshweu, a neye fela.
22Gonne ba ba segofadiwang ke ene, ba tlaa rua lefatshe; mme ba ba hutsiwang ke ene, ba tlaa kgaolwa.
23Ditsamao tsa motho di tlhomamisiwa ke Jehofa; mme o natefelwa ke tsela ya gagwe.
24Le fa a wa, ga a ketla a batanyetsegela ruri; ka gobo Jehofa o mo tshegeditse ka seatla sa gagwe.
25Nkile ka ne ke le lekau mme jaana ke tsofetse; le fa go ntse jalo ga ke ise nke ke bone mosiami a latlhilwe, le fa e le bana ba gagwe ba legalegela dijo.
26Ka letsatsi lotlhe o tlhola a dira ka pelotshweu, a adime, mme losika lwa gagwe lo segofale.
27Tlogela bosula, o dire molemo; mme o nne ka bosaengkae.
28Gonne Jehofa o rata katlholo; ga a latlhe baitshepi ba gagwe; ba tlamelwa ka bosenabokhutlo; losika lwa baikepi lo tlaa kgaolwa.
29Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.
30Molomo wa mosiami o bua ka ga botlhale, le loleme lwa gagwe lo bua se se siamisang.
31Molao wa Modimo wa gagwe o mo pelong ya gagwe; ga go dikgato dipe tsa gagwe tse di tlaa relelang.
32Moikepi o ikwaetse mosiami, o batla go mmolaya.
33Jehofa ga a ketla a mo lesa mo seatleng sa gagwe, le fa e le go mo sekisa mogang o atlholwang.
34Lebelela mo go Jehofa, o bo o tshware tsela ya gagwe, mme o tlaa go goletsa go tla o rua lefatshe; e tlaa re mogang baikepi ba kgaolwang, o tlaa go bona.
35Ke bonye moikepi a na le thata e kgolo, a inamisa jaaka setlhare se setala se le mo mmung wa sone wa tlholego.
36Mongwe a feta, mme bonang, o ne a seyo; ee, ka mo senka, mme o ne a se kake a bonwa.
37Lepa moitekanedi, o lebe mothokgami; gonne bokhutlo jwa motho yoo ke kagiso.
38Ka ga batlodi, ba tlaa senngwa mmogo; bokhutlo jwa baikepi ba tlaa kgaolwa.
39Poloko ya basiami e tswa mo go Jehofa; ke ene kago ya bone e e thata ya phemelo mo motlheng wa khuduego.
40Jehofa o a ba thusa, o a ba falodisa; o ba falodisa mo baikeping, a ba boloke, ka gobo ba tshabetse mo go ene.