Tswana 1992 Bible - 11 verses
1Jaaka kwalata e hemahemela melatswana ya metsi, mowa wa me o go hemahemela jalo Modimo.
2Mowa wa me o nyorelwa Modimo, e bong Modimo o o tshedileng; ke tlaa tla leng ka bonala fa pele ga Modimo?
3Dikeledi tsa me e ne e ntse e le tsone dijo tsa me motshegare le bosigo, ka ba tlhola ba ntse ba nthaya ba re: โModimo wa gago o kae?โ
4Dilo tse, ke a di gakologelwa, mme ke tsholole mowa wa me mo teng ga me, jaaka ke ne ke tle ke ye le bontsi jwa batho ke ba gogela kwa ntlong ya Modimo, ka lentswe la boitumelo le pako, e le bontsi jo bo ilelang letsatsi la modiro.
5O inametseng wena mowa wa me? O tlhodiegetseng mo teng ga me? Solofela fela mo Modimong, gonne ke tlaa nama ke tla ke o bakela thuso ya sefatlhogo sa one.
6Ao! Modimo wa me, mowa wa me o iname mo teng ga me, ke gone ka moo ke go gakologelwang ke le mo lefatsheng la Joretane le mo Heremone, kwa thabaneng ya Misare.
7Madiba a a botengteng a bitsakanya ka kgwaso ya maphothoselo a gago; dinteelo tsotlhe tsa gago le makhubu otlhe a gago a ntloletse godimo.
8Le fa go ntse jalo Jehofa o tlaa laola bopelonomi jwa gagwe jwa lorato mo motshegareng, le mo bosigong sefela sa gagwe ke tlaa bo ke na naso, e bong morapelo o o rapelang Modimo wa botshelo jwa me.
9Ke tlaa raya Modimo Lefika la me, ke re: โO ntebaletseng? Ke ka ntlha yang ke tsamaya ke hutsafetse ka patiko ya mmaba?โ
10Baba ba me ba nkgoba jaaka ekete ke ka tลกhaka, mo marapong a me; ka ba tlhola ba ntse ba nthaya ba re: โModimo wa gago o kae?โ
11O inametseng wena mowa wa me? O tlhodiegetseng mo teng ga me? Solofela fela mo Modimong; gonne ke tlaa nama ke tla ke o baka, one o e leng thuso ya sefatlhogo sa me, le Modimo wa me.