Tswana 1992 Bible - 5 verses
1A ko o nkatlhole Modimo, o emele go seka ga me mo morafeng o o sa reng Modimo sepe; a ko o nkgolole mo monneng wa tsietso le yo o se nang tshiamo.
2Gonne ke wena Modimo wa thata ya me; o ntatlhetseng? Ke ka ntlha yang ke tsamaya ke hutsafetse ka patiko ya mmaba?
3A ko o rome lesedi la gago le boammaaruri jwa gago; a di nkgoge; di ntlise kwa thabaneng ya gago e e boitshepo le kwa metlaaganeng ya gago.
4Ke gone ke tlaa yang kwa sebesong sa Modimo, kwa Modimong, o o leng boitumelo jwa me jo bo feteletseng; le ka harepe ke tlaa go baka Modimo, Modimo wa me.
5O inametseng wena mowa wa me? Mme o tlhodiegetseng mo teng ga me? Solofela fela mo Modimong; gonne ke tlaa nama ke tla ke o baka, one o e leng thuso ya sefatlhogo sa me le Modimo wa me.