Tswana 1992 Bible - 26 verses
1Modimo, re ikutlwetse ka ditsebe tsa rona, borraarona ba re boleletse, tiro e o kileng wa e dira mo metlheng ya bone, mo metlheng ya bogologolo.
2Wa nna wa leleka merafe ka seatla sa gago, mme wa tlhoma bone; wa patika ditšhaba, wa di phatlalatsa.
3Gonne ga ba a ka ba tsaya lefatshe go le rua ka tšhaka ya bone, le gone letsogo la bone ga le a ka la ba boloka; fa e se ka seatla sa gago se segolo, le letsogo la gago, le lesedi la sefatlhogo sa gago, ka gobo o le ntlheng ya bone.
4Wena Modimo, o Kgosi ya me; laolela Jakobe kgololo.
5Re tlaa diga baba ba rona ka wena; ba ba re tsogologelang re tlaa ba gataka ka leina la gago.
6Gonne ga nketla ke ikanya bora jwa me; tšhaka ya me le yone ga e ketla e mpoloka.
7Wena o re bolokile mo babeng ba rona, le ba ba re ilang o ba tlhabisitse ditlhong.
8Re tlhotse re kgana ka Modimo letsatsi lotlhe; leina la gago re tlaa le ntshetsa malebogo ka bosenabokhutlo. Sela.
9Jaana o re latlhile, o re tlotlolotse; ga o bolole le dintwa tsa rona.
10O re buseditse kwa morago ra tshaba mmaba; mme ba ba re ilang ba ikgapela ka go rata.
11O re abile jaaka dinku tse di tlhaoletsweng go jewa, o re gasagasitse mo merafeng.
12O rekisa batho ba gago ka lefela, mme ga o a oketsa khumo ya gago ka tlhwatlhwa ya bone.
13O re dira kgobo mo go bankarona, tshotlo le setshego mo go ba ba mo tikologong ya rona.
14O re tlhabile seane mo merafeng, le thukhutho tlhogo mo ditšhabeng.
15Go tlotlologa ga me go fa pele ga me ka letsatsi lotlhe, ke bipilwe ke ditlhong tsa sefatlhogo sa me.
16Ka ntlha ya lentswe la yo o kgobang le yo o tlhapatsang; le ka ntlha ya mmaba le mmusolosi.
17Gotlhe mo go re wetse; le fa go ntse jalo ga re a go lebala, le gone ga re a dira ka tsietso mo kgolaganong ya gago.
18Pelo ya rona ga e a boela kwa morago le gone dikgato tsa rona ga di a theoga mo tseleng ya gago;
19le fa o re thubaganyeditse mo mannong a bophokoje, o re khurumeditse ka moriti wa loso.
20A e re fa re kile ra lebala leina la Modimo wa rona, kgotsa ra otlololela modimo o sele mabogo a rona;
21a goo mo, Modimo a ga o ketla o go tlhotlhomisa? Ka one o itse maoma a pelo.
22Ee, re tlhola re bolawa ka ntlha ya gago ka letsatsi lotlhe; re kaiwa jaaka dinku tsa go tlhajwa.
23Morena tsoga! O robaletseng? Tloga o eme, se re latlhele ruri ka bosakhutleng.
24O fitlhelang sefatlhogo sa gago, wa lebala go patikwa ga rona le go bolawa ga rona jaana?
25Gonne mowa wa rona o obegetse mo loroleng; mpa ya rona e ngaparetse mmu.
26Tsogela go re thusa, mme o re rekolole ka ntlha ya bopelonomi jwa gago jwa lorato.