Tswana 1992 Bible - 9 verses
1A ko lo openg diatla lona ditšhaba tsotlhe; lo tshelele Modimo lošalaba lwa go ja koma.
2Gonne Jehofa Mogodimodimo o a boitshega; ke Kgosi e kgolo ya lefatshe lotlhe.
3O tlaa fenya ditšhaba a di baya tlase ga rona, le merafe tlase ga dinao tsa rona.
4O tlaa re lebalebela boswa, e bong tlotlomalo ya ga Jakobe yo o neng a mo rata. Sela.
5Modimo o tlhatlogile ka lošalaba, Jehofa ka tumo ya lonaka.
6Opelelang Modimo dipako, opelang dipako; opelelang Kgosi ya rona dipako, opelang dipako.
7Gonne Modimo ke Kgosi ya lefatshe lotlhe; lo opele dipako ka tlhaloganyo.
8Modimo o busa mo merafeng; Modimo o dutse mo setulong sa one se se boitshepo sa bogosi.
9Dikgosana tsa ditšhaba di phuthegile mmogo, go tla di nna batho ba Modimo wa ga Aberahame; gonne dithebe tsa lefatshe ke tsa Modimo; o goletsegile thata.