Tswana 1992 Bible - 14 verses
1O mogolo Jehofa, o na le go bakwa segolo mo motseng wa Modimo wa rona, mo thabeng ya one e e boitshepo.
2E ntle thaba ya Sione, ka go golela godimo, e itumelelwa ke lefatshe lotlhe, ka fa ntlheng ya botsheka, motse wa Kgosi e kgolo.
3Modimo o ikitsisitse mo matlong a gone a dikgosi fa o le botshabelo.
4Gonne, bonang, dikgosi tsa phuthega, mme tsa feta mmogo.
5Di ne tsa go bona, foo tsa gakgamala thata; tsa tsielwa, tsa itlhaganela tsa ya koo.
6Thoromo ya di tshwara teng; le botlhoko jaaka jwa mosadi yo o mo pelegong.
7Wa thuba dikepe tsa TareΕ‘iΕ‘e ka phefo ya botlhabatsatsi.
8Jaaka re utlwile, re bonye fela jalo mo motseng wa ga Jehofa wa masomosomo, mo motseng wa Modimo wa rona; Modimo o tlaa o tlhomamisa ka bosenabokhutlo. Sela.
9Re akantse bopelonomi jwa gago jwa lorato, Modimo, mo gare ga tempele ya gago.
10Fela jaaka leina la gago le ntse, Modimo, pako ya gago le yone e ntse jalo kwa dikhutlong tsa lefatshe; seatla sa gago se se siameng se tletse tshiamo.
11A thaba ya Sione e itumele, le bomorwadia Juta ba ipele, ka ntlha ya dikatlholo tsa gago.
12Tlalatlalang le Sione, lo bo lo o potonoge; balang dikago tsa one tse di godileng tsa phemelo.
13Lo tlhokomele sentle dithako tsa phemelo tsa one, lo akanye matlo a one a dikgosi; gore lo tle lo bolelele losika lo lo tlang.
14Gonne Modimo one, ke Modimo wa rona ka bosakhutleng le ka bosaengkae; one o tlaa nna mosupatsela wa rona le go ya fela mo losong.