Tswana 1992 Bible - 20 verses
1Lona ditΕ‘haba tsotlhe, utlwang mo; sekegang tsebe, lona banni botlhe ba lefatshe.
2Go le babotlana le bagolwane, bahumi le bahumanegi mmogo.
3Molomo wa me o tlaa bua botlhale; le go akanya ga pelo ya me e tlaa nna ka ga tlhaloganyo.
4Ke tlaa sekegela setshwantsho tshebe ya me; ke tlaa rarabolola ka harepe polelo ya me e e raraanyeng.
5Ana ke tlaa bo ke boifelang mo metlheng ya bosula? Mogang go boikepo jo bo tlhomereng direthe tsa me bo ntsenyang gare?
6Mo go ba ba ikanyang lohumo lwa bone, ba belafala ka bontsi jwa dikhumo tsa bone.
7Ga go na ope yo o ka rekololang ngwana wa ga rraagwe ka gope, le fa e le go mo ntshetsa serekololo go se naya Modimo.
8(Gonne thekololo ya mowa wa bone e topo e thata, e na le go tlhobogwa ka bosakhutleng;)
9gore a tle a nne a tshele ka metlha yotlhe, gore a se ka a bona go bola.
10Gonne o a bona fa batho ba ba botlhale ba swa fela, yo o bosilo le yo o sefolofolo ba nyalele fela mmogo, ba tlogelele ba sele khumo ya bone.
11Diphupu tsa bone ke magae a bona ka bosakhutleng; ke fa ba nnetseng teng ruri; le fa ba ne ba ntse ba kaya mafatshe go re ke a bone.
12Motho ene, a le mo tlotlong ga a nnele ruri; o tshwana jaaka diphologolo tse di nyelelang.
13Mokgwa o wa bone ke boeleele fela jwa bone, le fa go ntse jalo e a tle e re morago ga bone batho ba tle ba dumele dipolelo tsa bone. Sela.
14Ba laoletswe Bobipo jaaka letsomane la dinku fela. Loso o tlaa nna modisa wa bone; mo mosong bathokgami ba tlaa nna le puso mo go bone, le bontle jwa bone bo tlaa nna sejo sa Bobipo gore bonno jwa jone bo se ka jwa nna.
15Mowa wa me Modimo o tlaa o rekolola mo thateng ya Bobipo, gonne o tlaa ntshola. Sela.
16O se ka wa boifa fa mongwe a humisiwa, fa kgalalelo ya ntlo ya gagwe e totisiwa;
17ka gobo fa a swa, ga a ketla a ya le sepe; kgalalelo ya gagwe ga e ketla e fologela morago ga gagwe.
18Le fa a rile a sa tshedile a segofatsa mowa wa gagwe, ka batho le gale ba tle ba go bake fa o itirela molemo,
19o tlaa ya lesomong la borraagwe; ga ba ketla ba bona lesedi gope.
20Motho yo o mo tlotlegong, mme a se na tlhaloganyo, o tshwana fela le diphologolo tse di nyelelang.