Tswana 1992 Bible - 19 verses
1Nkutlwela botlhoko Modimo, ka fa bopelonoming jwa gago jwa lorato, ka fa bontsing jwa mautlwelobotlhoko a gago, o phimole ditlolo tsa me.
2Ntlhapisetsa ruri mo boikepong jwa me, o nntlafatse mo boleong jwa me.
3Gonne ke ipolela ditlolo tsa me, le boleo jwa me bo ntutse pele ka gale.
4Ke wena, wena wesi yo ke go leofetseng, ka dira se se bosula mo ponong ya gago, gore o tle o bonwe o le tshiamo mogang o buang, o bo o nne phepa mogang o atlholang.
5Bona, ke ne ka bopegela mo boikepong; mmé mmè a nkamogelela mo boleong.
6Bona, o eletsa boammaaruri mo ditennyeng; le mo bokaeng jo bo fitlhegileng o tlaa nkitsise botlhale.
7Ntshekisa ka mosiama, mme ke tlaa itsheka; ntlhapisa, mme ke tlaa nna mosweu bogolo go kapoko.
8Nkutlwisa boitumelo le boipelo; gore marapo a o a robileng a tle a itumele.
9Subela dibe tsa me sefatlhogo sa gago; o bo o phimole maikepo a me otlhe fela.
10Modimo, bopa pelo e e itshekileng mo go nna; o bo o šafatse mowa o o siameng mo teng ga me.
11O se ka wa ntatlha, wa ntlosa fa pele ga gago; le mowa wa gago o o boitshepo o se o tlose mo go nna.
12Nthebolela boitumelo jwa poloka ya gago; o ntshegetse ka mowa o o phuthologileng.
13Foo ke tlaa ruta batlodi ditsela tsa gago; le baleofi ba tlaa sokologela kwa go wena.
14Nkgolola mo molatong wa go tsholola madi Modimo, wena Modimo wa poloko ya me; loleme lwa me lo tlaa opelela godimo ka ga tshiamo ya gago.
15Jehofa, bula dipounama tsa me; mme molomo wa me o tlaa bolela pako ya gago.
16Gonne ga o natefelwe ke setlhabelo; nkabo ke se ntsha; ga o na kgatlhego mo tshupelong e e fisiwang.
17Ditlhabelo tsa Modimo ke mowa o o phatlogileng; pelo e e phatlogileng, e e ngomogileng ga o ketla o e nyatsa Modimo.
18Direla Sione molemo ka fa natefelong ya gago; aga dithako tsa Jerusalema.
19Ke gone o tlaa natefelwang ke ditlhabelo tsa tshiamo, le ke tshupelo e e fisiwang, le tshupelo e e fisiwang e le mmogo; ke gone ba tlaa isang dikgomo ditlhabelo mo sebesong sa gago.