Tswana 1992 Bible - 9 verses
1O ipelafaletsang mo bosenying, wena seganka? Boutlwelobotlhoko jwa Modimo bo nnetse ruri.
2Loleme lwa gago lo loga maano a boikepo tota; jaaka logare lo lo bogale, lo dira ka tsietso.
3O rata bosula bogolo go molemo; le go aka bogolo go go bua tshiamo. Sela.
4O rata mafoko otlhe a a senyang, wena loleme lo lo tsietsang.
5Modimo o tlaa go senya jalo ka bosakhutleng; o tlaa go tsaya o go phamola mo mogopeng wa gago, o tlaa go khumola ka metswe mo lefatsheng la batshedi. Sela.
6Basiami le bone ba tlaa go bona, ba boifa, mme ba tlaa mo tshega, ba re:
7βBonang, monna yo, ke ene yo o neng a se ka a dira Modimo thata ya gagwe; mme a ikanya bontsi jwa dikhumo tsa gagwe, a ba a ithatafatsa mo boikepong jwa gagwe.β
8Mme ka ga me, ke tshwana le motlhware o motala mo ntlong ya Modimo: ke ikanya boutlwelobotlhoko jwa Modimo ka bosakhutleng le ka bosaengkae.
9Ke tlaa go ntshetsa malebogo ka bosakhutleng, ka o go dirile; ke tlaa lebelela leina la gago, gonne le molemo, fa pele ga baitshepi ba gago.