Tswana 1992 Bible - 13 verses
1Modimo, a ko o nne boutlwelobotlhoko mo go nna; gonne motho o rata a bo a ka nkometsa; o a mpatika ka go tlhola a tlhabana ka letsatsi lotlhe.
2Baba ba me ba rata ba ka bo ba nkometsa ka letsatsi lotlhe; gonne ba bantsi ba ba tlhabanang le nna ka bopelompe.
3Mo motlheng o ke boifang ka one, ke tlaa ikanya mo go wena.
4Mo Modimong ke tlaa baka lefoko la one; ke ikantse mo go one Modimo, ga nketla ke boifa; kana yo o nama o ka ntirang?
5Ba tlhola ba sokamisa mafoko a me letsatsi lotlhe; megopolo yotlhe ya bone e nkemeletse go ntirela bosula.
6Ba a iphutha, ba a iphitlha, ba lata motlhala wa me, fela jaaka ba ntse ba laletse mowa wa me.
7A ba tlaa falola ka boikepo? Modimo diga ditšhaba mo bogaleng.
8Dikgarakgatshego tsa me o a di bala. A ko o tsenye dikeledi tsa me tsotlhe mo modutwaneng wa gago; a ga di mo lokwalong lwa gago?
9Ke gone baba ba me ba tlaa boang ka morago mo letsatsing le ke bitsang ka lone; mo ke a go itse, fa Modimo o le ntlheng ya me.
10Mo Modimong ke tlaa baka lefoko la one; mo go Jehofa ke tlaa baka lefoko la gagwe.
11Ke ikantse mo go one Modimo, ga nketla ke boifa, kana motho o ka ntirang?
12Maikano a gago Modimo a mo go nna; ke tlaa go ntshetsa ditshupelo tsa go leboga.
13Gonne o golotse mowa wa me mo losong; a ga o a thiba dinao tsa me mo go kgotšweng? Gore ke tle ke nne ke tsamaye fa pele ga Modimo mo leseding la batshedi.