Tswana 1992 Bible - 23 verses
1Sekegela morapelo wa me tsebe Modimo; o se ka wa iphitlhela mokokotlelo wa me.
2Nkela tlhoko, o nkarabe; ke tlabatlaba mo go itokeng ga me, ke a duma;
3ka ntlha ya lentswe la mmaba, ka ntlha ya patiko ya baikepi; gonne ba latlhela boikepo mo go nna, ba mpogisa ka bogale.
4Pelo ya me e tlhokofaditswe thata mo teng ga me; le ditheregiso tsa loso di nkwetse.
5Go boifa le go roroma go tsile mo go nna; le go tshoga mo go be go nkhurumeditse.
6Ka ba ka tla ka re: βIja! Ke ka bo ke na le diphuka jaaka lephoi! Foo ke ne ke tlaa fofela koo, ke tsamaya ke nna kwa boikhutsong.
7Bonang, jalo ke ne ke tlaa timelela kgakala, ke ne ke tlaa nna nna mo nageng. Sela.
8Ke ne ke tlaa itlhaganelela botshabelonyana, ke tshaba matsubutsubu a phefo le ledimo.β
9Morena, senya, o fatole loleme lwa bone; gonne ke bonye go thubaka le go lwa mo motseng.
10Motshegare le bosigo ba dikologa mo dithakong tsa one; boikepo bo mo gare ga one le bosenyi.
11Tshiamololo e mo gare ga one; patiko ga e tloge le boferefere mo mebileng ya one.
12Gonne yo o neng a nkgoba e ne e se mmaba; fa go ne go ntse jalo nka bo ke go itshoketse, le gone yo o neng a inkgodisetsa e ne e se yo o nkilang, fa go ne go ntse jalo nka bo ke mo iphitlhetse;
13mme e ne e le wena monna, molekane wa me, kala ya me, le tsala ya me e ke itsanyeng nayo.
14Re ne re tle re gakololane mmogo mo go monate, ra tsamaya mo ntlong ya Modimo re na le tshobokano ya batho.
15A ba welwe ke loso ka tshoganetso, a ba fologele mo moleteng ba sa ntse ba utlwa; gonne boikepo bo mo boagong jwa bone mo gare ga bone.
16Ka ga me, ke tlaa bitsa Modimo; mme Jehofa o tlaa mpoloka.
17Ke tlaa itoka, ke duma, maitseboa le ka moso, le motshegare, mme o tlaa utlwa lentswe la me.
18O golotse mowa wa me ka kagiso mo tlhabanong e e neng e mphenya; gonne ba ba lwang le nna ba ne ba le bantsi.
19Modimo o tlaa utlwa, o ba o ba patika, e bong one o o sa leng o nna bogologolo, Sela, ke go re, banna ba ba se nang diphetogo, mme ba boifa Modimo.
20Ba ba neng ba agisantse nae monna yo, o ba ntsheditse mabogo go tlhabana nabo; o tlhapaditse kgolagano ya gagwe.
21Legano la gagwe le ne le le borethe jaaka mafura a serethe, pelo ya gagwe yone e ne e le ntwa fela; mafoko a gagwe a ne a gaisa lookwane ka boleta, le fa go ntse jalo e ne e le ditΕ‘haka fela tse di ekilweng.
22Latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa, mme o tlaa go kokotletsa; ga a ketla a leseletsa mosiami gope go tshikinngwa.
23Mme wena, Modimo, o tlaa ba folosetsa mo moleteng wa tshenyegelo; ba tsholola madi, le ba ba tsietsang, ga ba ketla ba tshela ba swetsa bontlha bongwe jwa malatsi a bone; mme nna ke tlaa ikanya mo go wena.