Tswana 1992 Bible - 11 verses
1A ruri lo tle lo bue tshiamo ka go didimala? A lo tle lo atlhole ka thokgamo, lona bana ba batho?
2Ee, lo dira tshiamololo mo pelong; lo lekanyetsa go thubaka ga diatla tsa lona kwa ntle mo lefatsheng.
3Baikepi ba sa le ba nna ba sele ba sa tswa sebopelong; ya re ba sa ntse ba belegwa ba timele ka go bua maaka.
4Botlhoko jwa bone bo tshwana le botlhoko jwa noga; ba tshwana le lebolobolo le le sa utlweng, le le thibang tsebe ya lone,
5e le le le sa reetseng lentswe la batshereanyi, le fa go ka tshereanngwa ka botlhale jo bo ntseng jang.
6Roba meno a bone, Modimo, mo melomong ya bone; roba, o ntshe meno a matona a ditawana, Jehofa.
7A ba nyelele jaaka metsi a a seselang; e tle e re a kaya metswi ya gagwe, e nne jaaka ekete e pomilwe.
8A ba nne jaaka kgopa e e tlhapologang e ba e nyelela, jaaka tshenyegelo ya mosadi, e e se kang ya bona letsatsi.
9E re pele dipitsa tsa lona di e se di utlwe molelo wa mitlwa, o tlaa e tlosa ka setsuatsue, e e metsi le e e tukang mmogo.
10Mosiami o tlaa itumela mogang o bonang pusoloso; o tlaa itlhapisa dinao mo mading a baikepi.
11Jalo batho ba bo ba tlaa re: βRuri go na le tuelo e e nnetseng mosiami; ruri Modimo o gone o o atlholang mo lefatsheng.β